Go thubega ga dikereke go a tshwenya
27 Sep 2023
Go tlhoka tirisanyo mmogo, go nyatsana le go eteletsa madi kwa pele ke mangwe a mabaka a a tsalang go thubega ga dikereke.
Se se boletswe ke moruti wa kereke ya Ninifi Apostolic Daily Misison mo Maun, Archbishop Gabaitsiwe Mathemba mo potsolosong.
O ne a supa fa baeteledipele bangwe mo dikerekeng ba sa rekegele dikgakololo tsa baphuthegi mme seo se bake dikgotlhang, kilano le go runya ga dikereke.
A re baruti bangwe ba na le gore dikereke ke tsa bone ba lebala gore kereke ke ya Modimo mme bone ba romilwe go goga phuthego le go e kaela lesedi.
O ne a supa fa bangwe, bogolo jang ba ba filweng dineo jaaka go porofeta le go thusa morafe ba sa batle go kgalemelwa fa ba tswa mo tseleng. O gwetlhile baruti go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng a re ba tshwanetse ba nna sekao mo phuthegong le mo setshabeng e seng go rotloetsa dilo tse di sa ageng.
Archbishop Mathemba a re bogogi jwa dikereke bo tshwanetse go dirisana le maloko e seng go a nyatsa, a tlatsa ka go re go tlhoka go tlotla phuthego ke go phatlalatsa masego.
Bogogi jwa dikereke bo rotloeditswe gape go emisa go itirisetsa madi a kereke ka seo se tsala dikgoberego. A re maloko a eletsa go bona motlhala wa madi a bone gore ba tswelele ba aba ba gololesegile.
Archbishop Mathemba o supile fa kereke e a e eteletseng pele le yone e simolodisitswe ka 1992 morago ga go thubega mo go ya Saint Eli, a tlhalosa fa ene le lekgamu lengwe ba ne ba ithola marapo ka jaana ba ne ba sa dumalane le ditsamaiso.
A re ba ne ba ralala dikgwetlho mme ka mautlwelobotlhoko a Modimo ba kgona go kopa teseletso mme ka ba ne ba sena lefelo la kobamelo ba obamela mo lwapeng la gagwe.
A re ka 1995 ba ne ba ikopela setsha mme ba atlega ka jaana ba ne ba bona mosamarea yo o molemo go tswa Canada yo o neng a batla go ithuta ka tsamaiso ya kereke le seporofito.
E re ka ba ne ba agile ka mmu, Archbishop Mathemba a re rre yoo wa Canada o ne a ba kopela dithuso kwa mafatsheng go aga kereke mme ka 2002 puso ya ba neela setlakana sa go obama ba gololesegile.
A re gompieno kereke ya bone e godile e bile e ekadile lefatshe ka bophara a tlatsa ka gor e ba kgonne seo ka tirisanyo mmogo le go tlotla maloko.
A re o ipelefatsa gape ka gore o simolotse kereke eo le bana ba dikole ba gompieno ba godileng e bile ba na le boikarabelo mo setshabeng ka jaana bangwe ba bereka puso fa bangwe ba filwe maemo a boruti.
A re kereke eo e tlaa ipelela dingwaga tse di 27 e ntse e le teng.
Archbishop Mathemba a re kereke eo ga e a itebaganya fela le go rera lefoko la Modimo mme e tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba.
O tlhalositse fa ba ne ba thusa sekole se sebotlana sa Tawana ka didirisiwa tse di phepafatsang ka nako ya COVID-19, a tlatsa ka go re kereke e thusitse gape bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka go ba dijo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : POTSOLOSO
Date : 27 Sep 2023