Maruping go a boelwa...
27 Sep 2023
Setlhopha sa poko sa Maruping Poetry Organisation se ikuetse mo baboking ba poko ya Setswana go itsaya motlhala go gopola ngwao.
Morulaganyi mogolo wa mokgatlho o, Mme Keabonye Baareng o ikuetse jaana kwa moletlong wa poko le mmino wa Setswana o o neng o tshwaretswe kwa motlobong wa ditso wa Kgosi Sechele I ka Matlhatso.
Mme Baareng o ne a laleditse baboki ba poko ya Setswana go go jesa babogedi monate ka lobebe lwa poko le mmino wa Setswana.
Mme Baareng o tlhalositse mo potsolong fa a itemogetse fa talente ya poko ya Setswana e le ntsi mo Molepolole mme maikaelelo e le go ribolola talente e. Sebui sa tlotla kwa moletlong oo, Mme Phondi Morwaeng o lebogetse setlhopha sa Maruping go bo se kgonne go kgobokanya baboki, bogolo jang ba Molepolole go tla go supa bokgoni jwa bone.
O ne a tlhalosa fa Molepolole a humile ditso e bile e le boremelelo jwa poko. A re se, se supilwe ke moletlo wa Dithubaruba o o sa tswang go tshwarwa bosheng. A re moletlo o, ke moletlo o motona thata o o supang ditso tsa Bakwena e bile o tlhomile motse wa Molepolole kwa pele mo go tsa ngwao.
A re o dirile gore ditshaba ka go farologana di tle go tsaya malebela a ditso mo Bakweneng.
O bile gape a supa gore Kgosi Kgari Sechele III o sa tswa go bolotsa letsema e ntse e le bontlha bongwe jwa go ipelela Sekwena bosheng. A re tse tsotlhe di kaya fa Bakwena ba ikgakologelwa kwa ba tswang teng.
Ka jalo o rotloeditse mokgatlho wa Maruping gore o seka wa nyema moko mme o tshware ka thata o netefatse gore moletlo wa go tshwana le o, ba o tshwara kgapetsakgapetsa gore o tle o gole o oke babogedi mme ka go dira jalo le bone ba tlaa ya golo gongwe.
Mme Morwaeng yo e leng Mohumagadi wa mopalamente wa Molepolole Borwa a re o itumelela go bo lekalana la bodiragatsi la National Arts Council le tlhomilwe semmuso. A re ka lone lekalana le, badiragatsi ba tlaa anywa mofufutso wa phatla mme ba tlhame mebereko.
O rotloeditse banana, segolo bogolo go inaakanya le bodiragatsi ka jaana bo na le dipoelo le gone go tlotlomatsa serodumo sa botaki le bodiragatsi.
Mongwe wa badiragatsi Rre Christopher Masilo yo o itsegeng ka leina la Raslister a re o itumeletse go tsaya karolo mo moletlong oo ka e le moletsi wa katara.
A re o tswa kgakala a diragatsa mo dikgaisanyong tsa dikgaolo le tsa ga malatsi a ga Tautona. A re ka jaana a sa tswa go tlhama pina e ntsha ya Bogodu jwa Leruo, o ntse a batla sepe fela se se ka dirang gore pina ya gagwe e gatisiwe e tsene mo moweng. Raslister o dumela gore moletlo o o mo thusitse ka jaana ba seromamowa ba ne ba le teng mme a na le tumelo ya gore pina e ya gagwe e tlaa lemogwa BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : moletlo wa poko le mmino wa Setswana
Date : 27 Sep 2023