Kgokgontsho e golela pele
27 Sep 2023
Ba lephata la bong, lekgotla la baruti le ba-na-le seabe ba ne ba kopane go thulantsha ditlhogo go batla tharabololo ya kgokgontsho e e tsweletseng go ama malwapa ka bontsi mo toropong ya Selebi Phikwe.
Mogolwane wa lephata la bong mo Selebi Phikwe Mme Nancy Mothibedi o tlhalositse mo thutopuisanong e e neng e tshwerwe kwa Selebi Phikwe ka Mosupologo, fa ba ofisi ya bong ba tshwenyegile ka dipalo tse di tsweletseng ka go golela pele tsa kgokgontsho, bogolo jang ya mo malwapeng.
Dipalo tsa ofisi ya sepodisi e e okametseng kgaolo ya Selebi Phikwe, Mmadinare le Bobirwa di supa fa dipalo tsa kgokgontsho di tsweletse ka go golela pele mo kgaolong e ga mmogo le tsa polao ya batho tse mo nakong eno di tsamayang fa go botlhano monongwaga.
A re se se supa fa bothata bo le teng, ka jalo a biditse ba-na-le seabe ka go farologana go thusa go tla ka tharabololo ka gore kgokgontsho e senya malwapa.
A re lelwapa ke lone pilara e Motswana mongwe le mongwe a ikaegileng ka yone mme fa e ka phuphamisiwa ke kgokgontsho, go ya go nna bokete gore Batswana ba tlhabolole lefatshe.
Mme Mothibedi a re bogologolo batsadi ba ne ba ema ka dinao ba kgalema fa mme le rre ba tlhoka kutlwisisanyo mme mo bogompienong botsadi bo ikgatholositse go kgalemela bana.
A re nako e tsile ya go re Batswana ba boele kwa marakanelong a ditsela ba tseye boikarabelo jwa go kgalemela bana.
Mafoko a, a ne a tladiwa ke Mokhanselara wa Thakadiawa Mme Evelyn Kgodungwe yo le ene a supileng fa batsadi ba tlogetse bana ba tswa mo taolong.
A re batsadi ga ba sa tlhole ba kgalemela bana ba beile fela mo mapodising le boipelego.
Mogolwane mo lekalaneng la sepodisi la bong le itshireletso ya bana Mme Khumoetsile Matlhare a re dikgang tsa kgokgontsho di tsere phekelo e sele, a tlhalosa fa go setse go bolailwe batho ba le botlhano mo kgaolong e mme botlhe e le bomme.
A re mapodisi a setse a kwadisitse ditiragalo tsa thubetso di le 73 mono ngwaga mme ngogola di ne di feta 100, a tlatsa ka go re bana le bone ga ba a sireletsega ka mapodisi a setse a gatisitse dikgang di le masome a supa le bobedi tsa bagolo ba ba ratanang le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 18.
Mme Matlhare a re ngwana yo o dingwaga tse di ka fa tlase ga 18 o sireleditswe ke molao mme go molato go ka tsena le ene mo leratong go sa kgathalesege gore a o dumetse.
A re le fa dipalo tse di wetse tlase go tswa kwa go tse di 105 tse di gatisitsweng ka 2022, go a tshwenya ka gore di santse di le kwa godimo.
A re thubetso ke nngwe ya kgokgontsho e bagolo ba e dirang mo baneng mme bontsi jwa dikgang bo supa fa bana ba dirisiwa botlhaswa ke masika a a gaufi.
A re se se ngomolang pelo ke gore dingwe tsa dikgang tse batsadi ba di bipile ga ba batle di ka tswela kwa ntle ka gore badiramolato ba ka tloga ba sekisiwa.
O kopile batsadi go ema ka dinao go kgalema le go begela mapodisi ka dikgang tse go sa kgathelesege gore a modiramolato ke lesika kana jang.
Mongwe wa maloko a lekgotla la baruti mo Selebi Phikwe Moruti Cathrine Tlhabano o supile fa kereke e sa tlhole e le botshabelo jaaka pele.
A re letlhoo le go tlhoka boammaaruri go gontsi mo dikerekeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Thuto puisano
Date : 27 Sep 2023