Breaking News

BCC e lekola Mmadinare

18 Sep 2023

Ba lekgotla la Botswana Council of Churches (BCC) ba ne ba etetse kwa Mmadinare go tshwara dipuisano ka dikgang tse di amang banni ba motse oo.

Mongwe wa barulaganyi ba dipuisano tse Mme Gorata Ramokgothwane o tlhaloseditse banni ka Labotlhano a re moono wa phuthego ke gore banni ba itshekatsheke go bona gore ba dira go le kae go babalela meamuso ya kgaolo ya bone le gore ba tsaya karolo go le kae mo ditlhabololong tsa motse wa bone.

A re go botlhokwa go tsaya karalo mo ditlhabololong, ka jalo, a rotloetsa banni go tsena diphuthego fa go na le pitso. A re go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla go felela go baka gore bangwe ba ba tseele ditshwetso.

Moruti Sefularo Mogopodi o ne a supa fa lekgotla la BCC e se lekgotla la sepolotiki e bile le amogela mongwe le mongwe.

A re BCC e itebagantse le gore ope a seka a iphitlhela a kgaphetswe kwa thoko ka mabaka ape fela mme a rotloetsa banni ba Mmadinare go tshwaragana, go tlhokomela le go babalela meamuso e mo kgaolong ya bone.

A re ba ka kgona se fa ba ka dira modimo karolo ya botshelo jwa bone le go tshela ka kagiso le lorato.

A re boeteledipele jwa lefatshe leno bo na le tshepo e ntsi mo dikerekeng e bile bo kopa thuso mo dikerekeng go thusa go aga batho le go ba lemotsha tse di molemo.

Moruti Mogopodi a re le fa go ntse jalo lekgotla la BCC le tshwenyegile thata ka go nwa bojalwa phetelela ga batho ga mmogo le go goga motsoko ka jalo ba thusa setshaba ka go ba sedila maikutlo gore ba tlogele bojalwa le go lwantshana le dikgwetlho tse dingwe tsa botshelo jwa bone.

Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi wa motse Kgosi Galeage Holland o kopile lekgotla le go thusa go rapelela kgatlhanong le kgokgontsho, dipolao, le borukutlhi tse di tsweletseng ka go gola.

A re seemo sa borukutlhi mo motseng se tsere phekelo e sele e bile se ka nna sa ama ditlhabololo. O kopile batsadi go tsaya boikarabelo jwa go kgalema bana ba bone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Jacob Mantsi a re komiti e dira go le gontsi go tsisa ditlhabololo mo motseng mme kgwetlho e tona e le tlhaelo ya madi.

A re ba tshwaraganetse tiro ya bone le boeteledipele jwa motse ga mmogo le maphata a puso le ba-na-le seabe go tlhabolola le go fetola matshelo a banni ba Mmadinare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Mmadinare

Event : Dipuisano

Date : 18 Sep 2023