Magosi mangwe a tlaa tlhatlosiwa maemo
18 Sep 2023
Kgosi Serogola Seretse wa Ga-Mmangwato o roletse morafe mogopolo wa gore magosi mangwe a tlhatlosiwe maemo.
O boletse kwa Serowe ka Labone fa se e santse e le mogopolo ka jaana Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae a tshwanetse go o baya monwana pele makgosi ao a ka simolola tiro.
A re kakanyo ya go tlhatlosa magosi mangwe maemo e tla morago ga go tlhokafala ga moemela kgosi kwa Serowe, Kgosi Kgomotso Boiditswe ka Seetebosigo.
Kgosi Seretse a re Kgosi Bakae Khumo o tlaa tsholediwa go tswa mo maemong a kgosana e e kwadisang ditsheko go nna moemela kgosi.
Kgosana wa tetlanyo ya Dinokwane, Kgosi Keoitse Mokamogo, o tlaa tsaya maemo a ga Kgosi Khumo a pele.
Kgosi Sechele Kgari wa kgotla ya Mokwena ene o tlaa tsaya maemo a ga Kgosi Seretse Tshukudu yo o tlogetseng tiro ka bogodi.
“Ke tlhoka batho ba ba ka ntheetsang, ba ba ka reetsang puso e Batswana ba e romileng ebile e le batho ba ba sisimogang, ba ba ka direlang lefatshe le ka fa go tshwanetseng” ga bua jalo Kgosi Seretse.
O ne a supa fa morero e le konokono, ke ka moo a neng a bona go tshwanela gore a bitse morafe go ba rolela diphetogo pele di diragala.
Morafe o ne wa supa fa o itumelela morero oo.
Ba re kgosi ke setlhare se se tshwanetseng go nna le dikala tse bone e le morafe ba ka di nnang moriti, ba tswelela ba supa fa ba dumela gore jaanong thuso e e ntseng e le bonya e tlaa fefoga ka jaanong magosi a tlaa bo a oketsegile mo kgotleng. Ends
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 18 Sep 2023