Ba Mokgenene ba rotloediwa go tlhabolola motse
14 Sep 2023
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla o rotloeditse banni ba Mokgenene kwa kgaolong ya Shoshong go tlhabolola legae la bone.
O buile se bosheng fa a lekotse banni ba magae aa ka fa tlase ga tlhokomelo ya lephata la gagwe a a mo kgaolong ya Shoshong.
Mme Monnakgotla o lebogetse katoloso ya khansele ya Mahalapye, a tlhalosa fa ditlamelo di tlaa nna motlhofo go goroga kwa bathong.
O lebogetse go kopana ga Mokgenene le Otse go nna kgaolwana e le nngwe ya bokhanselara, a re se se tlaa dira gore mokhanselara a bereke sentle.
Mme Monnakgotla o ne gape a leboga puso ka Ipelegeng e e tlhabolotsweng, a re se se tsile go tlhabolola banana, ka ba tlaa bo ba na le ditlankana le maitemogelo.
A re go tlhoka mmaboipelego mo motseng ke gone go oketsang seemo sa botlhoki, mme a solofetsa gore ba tlaa potlakela go baakanya seemo seo gore batho ba thusiwe ka nako.
O ne a kopa maphata a a lebaneng gore di thendara di fiwe bana ba mo gae ka go sena ditiro.
Mo godimo ga moo o ne a rotloetsa banana go tsena mo mananeong a nyeletso lehuma le a mangwe gore ba itlhabolole.
Mothusa tona o kopile morafe go itirela ka diatla, ka se se ka fokotsa manokonoko a go babalelwa ke itsholelo e e wetseng tlase.
Fa a lekodisa mothusa tona, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ofitlhile Molatlhegi o lebogetse tshimolodiso ya kgokelo ya motlakase.
O ne gape a lebogela maranyane a smart switch, a bolela fa a tokafaditse matshelo a ba ba thusiwang ka dijo, a re le ntswa ba na le mathata a network seemo se botoka go na le pele.
A re ba lebogela matlo a matlhano a a agetsweng batlhoki le koloi ya balwetse e e dirang mo kgaolwaneng ya bone.
O kopile gore ba okelediwae matlo a borutelo, le mooki yoo belegisang.
Rre Molatlhegi o kopile sekole se segolwane, a re bana ba tsena sekole kgakala, ka jalo go rontsha batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana, mme se se ama maduo a bana.
O kopile gore go dirwe thuto se ka dipuisanyo, gore go rutiwe ka go fetola megopolo, maitsholo ga mmogo le ka fa batho ba dirang dilo ka teng ka se se ka thusa.
Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Otsetswe Nthutang o tlhalositse fa ditlamelo di ise di goroge kwa khanseleng ya Mahalapye, mme se se paledisa go thusa batho.
A re letlhoko la dikoloi kwa khanseleng le dira gore ba boipelego ba seka ba dira tiro ya bone sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Sep 2023