Mopalamente o kopa banni go ithuta melao
06 Sep 2023
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere a re Palamente e fetisitse melao e mesha e le lesome le borataro mo palamenteng e e fetileng.
Fa a lekodisa morafe mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo kwa Mahalapye, Rre Tshere o kopile banni gore ba ithute melao ba e tlhaloganye jaaka wa botsogo wa bolwetse jwa tlhaloganyo, wa ditlhobolo le wa melato e e amang mafatshe a sele.
O tlhalositse fa molao o mosha wa botsogo jwa balwetse ba tlhaloganyo o tlama gore batho ba fetole ka fa ba tshwarang balwetse ka teng gore ba kgone go bona dithuso tse di maleba.
O supile fa balwetse ba tlaa nna le kwa ba ikuelang teng fa ba na le bothata. Mopalamente Tshere a re molao wa re batho ba tshwanetse go itse ditshwanelo tsa balwetse bao le gone go ba didibela, gape molwetsi wa tlhaloganyo o tshwanetse go nna le motlhokomedi.
Mo melaong e mengwe e amang mafatshe a sele, Rre Tshere o boletse fa gona le melato mengwe e motho a ka e dirang a le mo Botswana, mme a ka e e sekela kwa ntle ga Botswana, ka gore ke e e amang lefatshe ka bophara.
Mopalamente o tlhalositse fa mo molaong wa ditlhobolo, go dirilwe lekoko le lesha le le thatafatsang le le ntseng le le teng.
Rre Tshere o akgoletse banni ba Mahalapye go bo ba sena dikgang dipe tse di amang ditlhobolo, a supa fa go ntse le dikgang tsa go thubiwa ga dikoloi tsa madi go dirisiwa ditlhobolo.
A re dikatlholo tsa molao o, di okeditse mabapi le go tlhoka go dirisa ditlhobolo sentle, e le tsela ya go leka go fokotsa borukutlhi.
Fa a ntsha pego ka ditlhabololo tsa motse, Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boniface Disho o ntshitse ngongorego mabapi le lefifi mo motseng, a re go lebaka ba begile dipone tse di sa berekeng mme go sena phetogo le fa e le dikarabo.
Rre Disho o ne a kopa tlhaloso ka seemo sa maemelo a dipalamo, a a tsayang lebaka go fela, a supa fa a diga seriti sa motse wa bone.
O ne a lekodisa mopalamente ka seemo sa botlhoka tsebe jwa bana ba dikole tse dikgolwane mo motseng, a supa fa se dirwa ke thekiso le tiriso ya diritibatsi e e feteletseng mo motseng wa bone.
A re dilo tsa go nna jalo di bolaya bana, ka jalo a kopa gore botlhe ba ba nang le seabe ba tseelwe dikgato gore seemo se ritibale.
Fa a araba, Mopalamente Tshere a re o golagane le ba Khansele ya Mahalapye go netefatsa gore motlakase wa dipone tsa mo mekgwatheng di a baakanngwa.
A re ditsela tse dingwe tse di neng di saletse kwa morago le tsone di tla feleletswa.
O tlhalositse fa a emetse tlhaloso le pego e e tsepameng go tswa kwa mogolwaneng wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, mabapi le maemelo a dipalamo a a sa feleng.
Rre Tshere o supile fa ba solofetse gore maemelo a dipalamo a mangwe a simolole go agiwa mo nakong e khutshwane.
O boletse fa a itse ka botlhoka tsebe jwa bana mme a supa fa a tsweletse ka go etela dikole go bua le bone le go ba rotloetsa go tsaya thuto ka tlhwafalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Sep 2023