Breaking News

Thuto-ga-e-golelwe phitlhisa go beng

31 Aug 2023

Baithuti ba thuto-ga-e-golelwe ba rotloeditswe go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo go tlhabolola matshelo a bone.

Mogolwane wa thuto go tswa mo lekalaneng la Out of School Education Training (OSET) kwa Kang, Mme Johanna Morwe o ntshitse kgothatso eo ka Labobedi kwa Kolonkwaneng mo letsatsing la go bala le go kwala la baithuti ba ga-e-golelwe.

O boletse fa letsatsi leo le ne le tshwerwe go lemoga bokgoni jwa baithuti, ka tiro ya diatla le go abelwa ditlankana ga botlhe ba ba dirileng ka bonokopila mo dithutong tse di farologanyeng.

Mme Morwe o tlhalositse fa thuto-ga-e-golelwe e simologile mo Botswana ka 1981, e bidiwa Lesedi la Thuto, e le ka fa tlase ga ba boipelego, mme ya tloga ya fetolwa go nna lephata la Non Formal Education, mme ga thapiwa barutabagolo. E ne ya fetolwa gape go nna OSET, mme ya phatlaladiwa le lefatshe ka bophara, go rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ka go ne go sena mafelo a borutelo.

A re dingwe tsa dithuto tse di rutwang kwa OSET di akaretsa Dipalo, Sekgoa, Setswana, General Studies le tiro ya diatla. O ne a  tlatsa ka go re go akarediwa le bana ba ba sa dirang sentle mo dikoleng tse dipotlana. O supile fa baithuti ba ba tseneletseng sekole seo ba le makgolo mane masome a mabedi le bone mo Kgaolong ya Tsabong le Hukuntsi.

Mme Morwe o boletse fa kgaolo ya Hukuntsi e gatetse pele mo go tsa maranyane, mme a kgothatsa banni ba Kolonkwaneng go tsena sekole seo ka ba saletse morago. A re selo seo ke sone se dirileng gore letsatsi la Mini Literacy Day le tshwarelwe mo motseng oo, fa la lefatshe lotlhe le tlaa tshwarelwa kwa Gantsi Lwetsi e roba bobedi. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa ba na le dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa, mme ba tlaa tswelela ka go tokafatsa seemo seo.

Fa a tswa la gagwe, sebui sa tlotla Rre Jeffrey Balogi o boletse fa seabe sa barutabagolo se bonala mo go tlhomamiseng gore lenaneo la thuto-ga-e-golelwe le a atlega.

Rre Balogi o ne a tlhalosa fa maduo a lenaneo leo a nametsa, ka mo nakong ya gompieno go na le baithuti ba le 36 000 lefatshe ka bophara. A re seo se rurifatsa mafoko a a builweng ke tautona wa pele wa Afrika Borwa, Rre Nelson Mandela yo o neng a dumela gore ‘Thuto ke sebetsa sa tlhwatlhwa se se ka dirisiwang go fetola lefatshe. 

Rre Balogi o supile fa lenaneo la ga tautona la A re Chencheng le neela Batswana tsela ya go arogana mowa wa thuto ka go fetola maikutlo, tlhaloganyo le boitshwaro.

O ne a rotloetsa baithuti ba OSET go ithuta go fitlhelela ditoro tsa bone.

Mongwe wa baithuti, Mme Itebeng Motlhanke go tswa Tsabong o ne a supa fa OSET e tlhabolotse botshelo jwa gagwe, ka go anywa dithuto tsa tiro ya diatla, morago ga gore a bo a ne a sa dira sentle mo lokwalong lwa bosupa, mme a kgothatsa ba bangwe go tsaya malebela.

Fa a ba kgothatsa, modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana Mme Lydia Kgaudi o ne rotletsa borre ba kgaolo ya Tsabong go inaakanya le sekole sa OSET ka dipalo tsa bone di le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le tsa bomme.

Baithuti ba feta masome a mane ba ne ba neelwa ditlankana tsa dithuto tse di farologanyeng, e le tsela nngwe ya go ba kgothatsa go tsenya marapo dinamemg.

Motshwarelela bogosi jwa Kolonkwaneng, Kgosi Neo Kgaudi fa a amogela batsena moletlo o ne a supa fa go na le bana ba le bantsi ba ba sa dirang sentle mo dithutong, a supa fa OSET e ka ba thusa go tsosolosa ditalante tsa ditiro tsa diatla le gone go ipetlela mebereko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOLONKWANENG

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 31 Aug 2023