Breaking News

Morafe o kopa tsela ya sekontere

31 Aug 2023

 Banni ba Lesilakgokong mo kgaolong ya Thamaga/Kumakwane ba kopilwe gore ba seka ba felela puso pelo ka ditlhabololo tsa motse wa bone di tlaa akarediwa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tse di tlang.

Ba boleletswe fa Palamente e itse ka seemo sa ditsela le ditlhabololo mo kgaolong ya bone ka Mopalamente Palelo Motaosane a sa robale ka tsone.

Mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Kabo Morwaeng o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Lesilakgokong ka Laboraro, jaaka banni ba ne ba kopa puso go tsibogela go tshela tsela ya Losilakgokong-Molepolole sekontere.

Rre Morwaeng a re o bone seemo sa tsela ya bone mme ke ka moo a tsileng go ba lekola le gone go utlwa matshwenyego a bone. Rre Morwaeng o ne a supa fa mathata a matona e le madi ka ditlhabololo di dirwa ka kgaoganyo ya madi mme nako tse dingwe go a tlhaela go thusa Batswana nako e le nngwe.

A re ka jalo ba seka ba felela puso pelo ka ditogamaano tsa ditlhabololo di tsile go akaretsa Batswana botlhe go ya ka matlhoki a bone.

Tona a re le fa go ntse jalo puso e tsweletse ka go tla ka mananeo a a tokafatsang matshelo a Batswana.

A re kgwetlho kgolo ya ditlhabololo ke tlhaelo ya madi bogolo jang ka lefatshe leno le ne la lebaganwa ke namane e tona ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo neng jwa emisa mananeo otlhe a puso mme ga itebaganngwa le go sireletsa matshelo a Batswana.

Rre Morwaeng o ne a leboga badirelapuso ba e rileng ka nako eo ba thusa Batswana le go bereka ka natla go boloka matshelo a bone.

Mo go tse dingwe o ne a bolelela morafe fa mapalamente a ya go buisana ka molao-motheo wa Botswana kwa palamenteng e e tlang morago ga gore Batswana ba fiwe sebaka sa go ntsha megopolo gore ba eletsa molao-motheo o tokafadiwa jang.

Tona a re keletso ke gore mo dipuisanyong tsa bone ba dire molao-motheo o o tlaa bopaganyang tshaba ya Botswana le go tswelela o tshegetsa kagiso le ledula le le renang mo lefatsheng leno.

O ne gape a gakolola morafe go emela kgang ya ditagi mo bananeng ka dinao, bogolo jang tagi e go tweng katse e e tlhakatlhakanyang bana boboko mme ba felele ba dira dilo tse di duleng mo tseleng.

Tona o ne a bua a sa kgale mathe mo ganong ka kgokgontsho ya bong e e apesitseng lefatshe leno sefifi, bogolo jang borre ba ba betsang basadi le bana ba basetsana bangwe ba bolawa.

Kgosi Alfred Monnaathebe wa Lesilakgokong fa a amogela baeng o ne a supa fa tsela ya bone e sa ba robatse ka e baka ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe.

A re ba kopa gape gore tsela ya Lesilakgokong-Kubung e e ba golaganyang le Moshupa le yone e tshelwe sekontere.

O ne a supa gore mo malobeng fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tsile go aba dipoo ba ne ba mo kopa gore tsela ya Lesilakgokong-Moshupa e dirwe go nna segopotso ka jaana ba godile borraabone ba isa dinawa ka dikoloi tsa kgothokgotho kwa Moshupa.  Kgosi Monnaathebe o ne gape a kopela motse wa gagwe motlakase ka o le botlhokwa mo matshelong a bone mme e bile e le one o ka ngokang ditlhabololo.

A re o ’bete se molangwana ka jaana motse wa bone o sale o nna motse pele ga metse e le mentsi mo Botswana mme metse eo e setse e tsentswe motlakase fa bone ba sale ba emetse kgokelo ya one. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Sianang Letuba o ne a gatelela kgang ya tsela le botlhokwa jwa gore e tsenngwe sekontere le kgokelo ya motlakse gore ba tle ba kgone go itsenyetsa mo malwapeng.

A re kokelwana ya bone ga e na motlakase mme mo godimo ga moo ba kopa gore ba agelwe matlwana a boitiketso mo go yone le ntlo e e belegisang.

Rre Letuba a re ba na le kgwetlho ya letlhoko la boroko jwa barutabana kwa sekoleng se sebotlana mme gape ba kopa gore go okediwe matlwana a borutelo kwa sekoleng seo.

O ne a supa fa bana bangwe ba sa kgone go tsena sekole ka jaana dikotsekara di sa lekana go ba isa sekoleng ntswa bangwe ba nna kgakala, mme seo se ba paledise go tsena sekole fa bangwe ba felela ba dule mo sekoleng.  

Rre Letuba o ne a lebogela gore bana kwa sekoleng ba tlhokomelesegile ka ba aja sentle mme e bile dijo tsa bone di tla ka nako.

A re ba kopa thuso ka bodiredi jwa puso jo bo nnang mo matlong a bone mme ba sa duele madi a boroko. 

Rre Tshimologo Leselamose a re ba batla motlakase le tsela ka bofefo jo bo kgonagalang, mme mo godimo ga moo go na le tlhaelo ya metsi mo motseng.

Rre Thomas Gaedibe a re o tswhenngwa ke kgang ya ditagi tse di tsweletseng ka go senyetsa bana bokamoso, a supa fa go le botlhokwa gore go batlwe motswedi wa tsone, bogolo jang ka a lemogile gore batsadi bangwe ke bone ba rekisetsang bana ditagi.

Mo malebong, Mopalamente Motaosane o ne a leboga Tona Morwaeng ka go tla go ba tlhola ka seo se tlaa thusa morafe go ntsha dilelo tsa bone ba di bolelela botona ba ba lebaneng. 

O ne a gakolola batsadi go emela bana ba bone ka dinao gore ba ba betlele bokamoso jo bo siameng ka gore fa go sa nne jalo bana ba tlaa wela ka lemena.

Rre Motaosane o bile a lemotsha batsadi fa ba na le boikarabelo jo botona mo go godiseng bana mme e bile ba tlangwa ke molao wa Children’s Act (2018) go dira jalo le gore fa ba palelwa ba ka tseelwa dikgato tsa go ikgatholosa bana.

Mopalamentse o ne a rurifaletsa morafe fa motlakase o tsile go tla mo motseng wa bone ka lenaneo la go gokela metsi le le dirilweng ke puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LESILAKGOKONG -

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 31 Aug 2023