Breaking News

Ditlou di tlhakaladitse kwa Robelela

30 Aug 2023

 Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela o lela ka tshenyo ya ditlou mo kgaolong ya Mmadinare. 

Kgosi Tamocha o ledile jaana ka Mosupologo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi.

A re ditlou di ntsifetse mo kgaolong ya bone mo jaanong di tsenelelang batho mo malwapeng, selo se a tlhalositseng fa se baya matshelo a batho mo diphatseng.

Kgosi Tamocha o tlhalositse fa ditlou di setse di sentse ditanka tse di tona tsa metsi mo malwapeng a le mararo go ne kwa Robelela.

Ditlou go bolelwa fa gape di tshwenya kwa motseng wa Tshokwe, o o leng gaufi le molelwane wa lefatshe la Zimbabwe. Banni ba metse eo, ba kopile mopalamente go ba sekasekela gore ba tsenyediwa terata ya motlakase jaaka kwa motseng wa Matopi, go thusa go kganelela ditlou kgakala.

Banni ba ne ba tlhalosa fa loruo la bone le le mo diphatseng tsa go utswiwa le go tsenwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, ka go le motlhofo go tlolela kwa Zimbabwe ka terata ya molelwane e senyegile.

Kgosi Tamocha o ne gape a lekodisa mopalamente fa baagisanyi ba boloditse letsholo la go epa di-tswa mmung mo go seng ka fa molaong gaufi le motse wa Matopi. O ne a tlhalosa fa selo seo se le borai ka se ka tloga sa oka bana ba bone go tsena mo tirong ya go nna jaana.

E rile a lekodisa mopalamente ka fa ba tsweletseng ka teng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Robelela, Mme Arabang Laolang o ne a tlhalosa fa ba itumelela ditlhabololo tse di tsweletseng mo motseng wa bone fa dingwe tsa tsone di setse di le mo tirisong.

Mme Laolang o ne a re katoloso ya kago ya kokelwana e setse e le gaufi le go wela, fa matlo a boitiketso a ofisi ya ga mmaboipelego a setse a le mo tirisong.

O ne gape a lebogela go goroga ga mokenti kwa motseng wa bone le ntswa boroko e santse e le kgwetlho. 

Gape o ne a kopa gore ba neelwe koloi e le nngwe fela e e ka dirisiwang ke maphata otlhe a puso.

Modulasetilo wa Tshokwe, Rre Onthusitse Serolo o ne a lebogela ditlhabololo tse ba di bonang kwa motseng wa bone. O ne a re puso e tsweletse ka go naya ba ba tlhokileng lesego seriti ka go ba agela matlo.

Monni wa Tshokwe, Rre Matshidiso Matshwenyego o ne a supa matshwenyego ka metsi a a tshologang mo motseng.

A re se se dira gore leruo le gobeya mo motseng mme le dire tshenyo mo malwapeng. 

Rre Matshwenyego o ne a tlhalosa fa e le mongwe wa ba tswa setlhabelo, ka go tshologa ga metsi go bapa le lelwapa la gagwe, mo go setseng go itirile mogobe, e bile montsana o setse o tsalela gone foo. 

O tlhalositse fa go setse go le lobaka ba begetse ba lephata la metsi, mme go sena nko e e tswang lemina. E rile a tsibogela matshwenyego a banni ba metse eo, Rre Molebatsi a tlhalosa fa tshenyo ya ditou e sa tshwenye bone fela, mme puso le yone e tshwenyega ka e dirisa madi a mantsi go thusa balemi.

Rre Molebatsi a re go tsibogela seo puso e dule ka mananeo a a thusang Batswana.

A re lenaneo le tshwana le la kagelelo ya masimo le buletswe, mme a rotloetsa balemi go ikopanya gore ba kgone go thusiwa.  A re balemi ba Matopi ke bangw

e ba ba setseng ba akola lenaneo la teng, ka masimo a bone a setse a terateletswe ka terata ya motlakase, mme ba simolotse go akola maduo a temo ya bone ka go sena ditou tse di ba senyetsang. 

Mopalamente Molebatsi o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona matshelo a batho ba kgaolo ya gagwe a fetoga, mme a ba kgothatsa go tsaya mananeo a a leng teng ka tlhoafalo ka e se a sennela ruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : ROBELELA

Event : kgotla meeting

Date : 30 Aug 2023