Breaking News

Balemi ba re tanki Modimo

31 Aug 2023

Balemi ba masimo a a dikologileng Khudumelapye mo kgaolong ya Letlhakeng, ba ne ba kgobokanye kwa motseng oo go tsisa ditebogo kwa kgotleng go leboga Modimo.

E rile a amogela balemi, Kgosi Tuelo Ramokobetwane a supa fa moletlo oo wa ngwao, e le wa go leboga Modimo ka se a se ba fileng kwa masimo le go ruta banana mosola wa temo-thuo.

Ramokobetwane o tlhalositse fa bogologolo thobo e ne e isiwa kwa kgotleng mme e bo e bolokwa mo difalaneng go thusa morafe ka nako ya leuba.

Kgosi o tlhalositse fa balemi ba Khudumelapye ba le lesego, a supa fa go dikile go sena pula mme balemi bao ba dule ka thobo ka ntlha ya go leboga Modimo.

O ne a tlhalosa fa lekwalo la ga Malaki kgaolo ya boraro, temana ya lesome e re, “Lereng ditsabosome tsotlhe kwa ntlong ya polokelo, gore go tle go nne dijo mo ntlong Yame, mme lo tle lo nteke ka gone, go bua Jehofa wa masomosomo, le bone gore ga nkitla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se kitlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.”

Mo maikaelelong a letsatsi molemi Mme Gobotswamang Mosesane, o ne a tlhalosa fa ba simolotse go isa ditebogo ka 2006 go leboga Modimo ka se a se ba diretseng, le go bontsha bana gore ba kgona go itirela kwa gae ntle le go ya go sotlegela kwa ditoropong.

Mme Mosesane o ne a supa gape fa temo-thuo e le banka ya Motswana.

Molemisi wa Khudumelapye Rre Kabelo Mompati o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore balemi ba tlhatlhobe mebu ya masimo pele ga ba lema le gone go fatola fela fa a yang go jwala teng.

O ne a rotloetsa balemi gore e re ba sena go roba, ba ntshe letlhaka ba ye go le fela leruo kwa ntle ga tshimo kana ba le lemololele gone mo tshimong go oketsa dikotla mo mmung.  

Sebui sa tlotla go tswa kwa Lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao Mme Setshego Makgatle o ne a kopa balemi ba Khudumelapye go tswa ka megopolo e e ka nonotshang ngwao, a bo a ba kopa gore ba seka ba lesa thobo e jewa ba e rekise.

Mme Makgatle o ne a supa fa go somarela ngwao go le botlhokwa, a supa fa ngwao e tlhabologa, mme fa e tlhabologa e seka ya lesiwa ya senya bokao jwa yone.

O tlhalositse fa balemi bao ba le mo tseleng ya go tlotlomatsa ngwao, a bo a supa fa dipaka di fetogile ka dipula di sa tlhole di na ka dinako e e tlwaetsweng, ka jalo a ba rotloetsa go lema temo ya nosetso.

Mme Makgatle o ba kopile gape go atolosa temo ka go lema digwere le dithunya e le tsela e nngwe ya go dira madi.

O kopile balemi go dirisa ditsela tse dingwe tsa go boloka thobo e seng go omisa fela jaaka ba tlwaetse.

Mme Makgatle o tlhalositse fa ba ka boloka thobo ka go e tsenya mo mabotleleng, dithini le e mengwe mekgwa gore e nne nako e telele e sa senyege.

O ba gakolotse gore fa ba dira jalo ba ele tlhoko gore dijo tsa bone ga di latlhegelwe ke dikotla.

Mme Kewagamang Keboatlholetswe o ne a supa fa ka Lwetse Kgosi Ramokobetwane a tlaa bo a bolotsa letsema, mme a kopa gore ba ye masimo go ya go tsosolosa diterata le matlo mme ba seka ba diiwa ke go bereka Ipelegeng.

O kopile balemi gore e re ba se na go lema ba seka ba boela mo gae mme ba lete masogo le dikgaka gore di seka tsa aja peo.

Mme Keboatlholetswe o ba kopile gore fa dijalo di sena go tswa ba simolole go tlhagola gore mhero o seka wa lwela dikotla le tsone.

O tlhalositse fa mosadi yo o tlhokomelang tshimo sentle a kgona go gaisa mmereki ka jaana ene a tsenya madi tsatsi le letsatsi ka go rekisa di-tswa temong, fa mmereki ene a amogela gangwefela ka kgwedi.

Modulasetilo wa komiti ya ditebogo, Rre Mafoko Dingaka o ne a lebogela komiti ya balemi e e simolodisitseng tiro.

O ne a tlhalosa fa monongwaga ba sa bona dithuso sentle ka ba di kopile nako e ile.

Mo malebong mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung Rre Osupile Metseebapile, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe gore tiro eo e atlege jaaka ba Lephata la Bnana, Bong, Metshameko le Ngwao.

O ne a supa lekwalo la Lefitiko kgaolo ya masome a mabedi le borataro temana ya boraro le re, Fa lo sepela mo melaong Yame, fa lo boloka ditaolo Tsame lo di dira, foo Ke tlaa nesa dipula tsa lona mo dipakeng tsa tsone, lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone le ditlhare tsa lotlhagare di tlaa ntsha loungo lwa tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : KHUDUMELAPYE

Event : moletlo wa ngwao

Date : 31 Aug 2023