Breaking News

Mokgatlho o somarela manong

29 Aug 2023

Lefatshe leno le segofaditswe ka mefutafuta ya dinonyane, sebe sa phiri ke gore ga le anywe sepe mo go tsone ntswa e le dingwe tse di kgatlhang bajanala.   

Go bolelwa fa madi a a dirisiwang ke bajanala go bona dinonyane fela lefatshe ka bophara a akanyediwa mo go P108 trillion. 

Se se builwe ke mookamedi wa lephata la Wildlife and National Parks, Dr Kabelo Senyatso bosheng a bua kwa tirong ya go rolela banni ba Gootau, Goosekgweng le Manaledi mokgatlho wa Batho le Ditsatlholego Conservation Trust bosheng,  le go ba itsese ka P570 000 yo ba mo abetsweng ke Global Environment Facility ka fa tlase ga UNDP le le itebagantseng le tiro ya bone e tona ya go tlhokomela manong.

A re go na le bajanala ba ba kgonang go tswa kwa mafatsheng a bone ba tlela go bona mofuta mongwe wa nonyane ka ba ise ba o bone mme se se kgona go godisa itsholelo ya lefatshe.  

O ne a supa fa go itumedisa go bona Batho le Ditsatlholego Conservation Trust e kgonne go bona mosola wa dinonyane le gore ba ka di tlhokomela.

A re go a itumedisa gape go bona kgang ya manong e phuthile morafe ka go le gantsi fa batho ba phuthega ba bua ka diphologolo tse ditona di tshwana le ditau le ditlou.

Dr Senyatso o ne a kopa ba ba tsamaisang mokgatlho wa Batho le Ditsatlholego Conservation Trust go o tsamaisa sentle le gore maikaelelo a bone a matona e nne go thusa morafe.

A re tse ba tlaa bong ba di dira ba tshwanetse go di kabakanya mme ba seka ba itebaganya fela le go tlhokomela manong ba dire tse dingwe tse di tlaa amang matshelo a morafe.

Dr Senyatso o ne a supa fa Manong a le botlhokwa mo tikologong.

O ne a re kwa India ba ne ba na le manong mme a ne a bolawa ke mokento o o neng o dirisiwa mo dikgomong tse le tsone di neng tsa bolawa ke mokento oo.

A re fa mnong a sena go nyelela bolwetse jwa molafo bo ne jwa oketsega.

Rre Moses Selebatso go tswa kwa Raptors Botswana o ne a re lekalana la bone le itebagantse le go dira dipatlisiso ka dinonyane tse di jang nama jaaka ntsu, segootsane le manong le go ruta ba-na-le seabe ka tshomarelo ya tsone.

A re ka 2017 ba simolola dipatlisiso ka manong mo Tswapong, tse di neng di gwetlhwa ke dipalo tse di yang kwa tlase tsa manong lefatshe ka kakaretso.

O supile fa manong a le mefuta e e masome mabedi le boraro mme mo lefatsheng leno, go na le e le metlhano fela, mme e le meraro e bonala mo Tswapong.

Rre Selebatso a re mo dipatlisisong ba ne ba itemogela fa dipalo tsa manong di ya kwa tlase ntateng ya dikgwetlho tse di di lebaneng di tshwana le go jelwa mae ke tse di farologaneng, go thulwa ke dikoloi, go ja botlhole fa di eja nama ya diphologolo tse di suleng le gone go bolawa ke motlakase.

Dipatlisiso di supile fa manong a a mo Tswapong fa a sena go gola, a tshwanetse go tswa gore a ipatlele dijo, a sa kgone go tswela kwa ntle ka a a bo a na le mathata a diphuka di sa nna sentle le maoto a sa tlhamega sentle mme se se supa fa a tlhaela dikotla.

Rre Selebatso a supa fa manong a tshwanetse go sirelediwa gore dipalo tsa one di oketsege, a gwetlha Batho le Ditsatlholego go tsaya karolo mo go thuseng mo tlhokomelong ya manong.     

O supile fa lenong le baya lee le le lengwe fela mo ngwageng mme fa a aswa a le mantsi go tsaya nako gore dipalo tsa one di boele.

Mosimolodi wa Batho le Ditsatlholego Rre Sentle Mosweu o ne a supa fa maikaelelo a bone e le go tlhokomela manong ka go supega fa dipalo tsa one di ya tlase, a tlhaela dikotla e bile a lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi.

O ne a gwetlha banni ba Gootau, Goo-Sekgweng le Manaledi go leba manong a le botlhokwa ka a kgona go ba kaetsa fa go na le se se suleng, a phepafatsa tikologo e bile a kgona go fokotsa malwetse ka go ja phologolo e e suleng e ise e anamise bolwetsi bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : GOOTAU

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 29 Aug 2023