Breaking News

Mopalamente o phophotha phuthego ya SWACIZ legetla

28 Aug 2023

Bagolwane ba kereke ya Seven White Angels ba akgoletswe go fetola matshelo a banni ba Selebi Phikwe le ntswa ba lebanywe ke dikgwetlho.

Kereke ya Seven White Angels e e tlwaelesegileng ka leina la SWACIZ e setse morago tebelopele ya lefatshe leno ya go tlhabolola dikakanyo.                                                  

Mopalamente wa Moshupa/ Manyana, Rre Karabo Gare o buile jaana a bula semmuso dipuisanyo tsa kereke e ka Matlhatso kwa Selebi Phikwe.      

Rre Gare o ne a tlhalosa fa dikereke di lebanywe ke dikgwetlho di tshwana le go lwela maemo ga boeteledipele mo go felelang go baka go thubega ga tsone, selo se se amang maloko.

A re puso e itse ka selelo sa dikereke lefatshe ka bophara, sa letlhoka la ditsha tsa kobamelo, a tlhalosa fa seo se sa itlhokomolosiwa.

A re puso e tsaya dikereke ka tlhoafalo ka e le tsone di agileng lefatshe e bile tiro ya tsone e tsweletse ka go itshupa mo setshabeng.

A re se, se ne sa bonala ka nako ya COVID-19 fa baruti ba ne ba eme ka dinao go sidila setshaba maikutlo le go ema nokeng ba ba neng ba latlhegetswe ke ba masika.    

Le fa go ntse jalo, Mopalamente Gare o ne a kopa boeteledipele jwa kereke go tshwaragana le puso go bopa setshaba ka fa semoeng fa puso yone e itebagantse le go ba direla ditlhabololo.           

  E rile a tswa la gagwe, Kgosi Molosiwa Molosiwa wa kgotla ya Kagiso, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go bona boeteledipele jaaka matona ba etela dikereke gore ba itse matshwenyego a tsone.                               

Kgosi Molosiwa o tlhalositse fa dikereke di dira tiro e ntle ya go bopa setshaba mme kgang kgolo e le letlhoko la fa ba phuthegelang teng, jalo a kopa tona go ya go thulanya ditlhogo le ba a berekang le bone go bona gore ba ka thusiwa jang.

A re bontsi jwa dikereke mo Selebi Phikwe ke bomaipaafela mme go sa letlelesege. 

Kgosi o ne a tlhalosa fa Selebi Phikwe jaaka mafelo a mangwe a lebanwe ke botlhoka tsebe jwa banana le tiriso e e kwa godimo ya diritibatsi tse di setseng di jweleletse le kwa dikoleng. 

A re se se tlhoka tshwaragano ya puso le dikereke.                      

O ne a re fa bothata jo bo ka seke bo emelwe ka dinao, lefatshe le ka tsoga le sena boeteledipele jo bo nang le maikarabelo, a re gape ba tshwenngwa ke dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Bishop Kesegofetse Mandelo yo e leng ene moeteledipele wa SWACIZ a re ba bone go le maleba go laletsa Rre Gare yo e leng Tona wa Lephata la Dikgwebo go ba bulela bokopano jwa bone jwa ngwaga le ngwaga ka ba na le ditoro tse  di tsamaelanang le lephata la gagwe.                                                

Bishop Mandelo a re dikereke di lebanywe ke letlhoko la madi mme keletso ke go dira kgwebo e e ka ba direlang madi, a tlhalosa fa pele ba ne ba na le kwa ba neng ba sikile teng go bapa le noka ya Motloutse go lema merogo mme ba seka ba tswelela ka mabaka  mangwe.

O ne a lelela kwa go Rre Gare go ba thusa ka kgang ya teng.                                             

Bishop Mandelo a re kereke ya gagwe e tletse ka banana le bagolo ba ba nang le botsipa jo bo kwa godimo mme ba kgorelediwa ke ditsamaiso dingwe tsa puso tse dinako dingwe di diyang gore motho a bone  thuso.                        

Le fa go ntse jalo, Bishop Mandelo o ne a tlhomamisetsa tona fa kereke ya gagwe e tsweletse go bopa tshaba, a re SWACIZ e na le bagolo ba ba itlamileng go bona gore bana ba golela mo tseleng ya setho se ngwana wa Motswana a itsegeng ka sone.                                              

Go netefatsa seo, a re ba agile kgotla le lelwapa tse di dirisiwang go laya le go neela bana ba kereke dikgakololo, a tlhalosa fa Bakeresete ba na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mme go tlhoka gore ba nne ba sidilwa maikutlo. Ratoropo wa  Selebi Phikwe Rre Lucas Modimana o ne a tlhalosa fa ditiro tsa SWACIZ di bonala mo toropng ka e nna e tlhagelela mo ditirong tsa morafe.                                        

Rre Modimana a re le ntswa dikereke go sena kwa di tsayang madi teng seabe sa kereke ya SWACIZ se a bonala mo bathong ka go le makgetho a le mantsi ba abela ba ba tlhokileng lesego.            

O ne a kgothatsa  Bishop Mandelo go tswelela a tsisa lesedi mo setshabeng ka e bile e le modulasetilo wa lekgotla la dikereke tsa semoya mo kgaolong, e bile a neetswe maikarabelo a go rerela bogogi jwa  dikereke efangele ya lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go  fetola megopolo le dikakanyo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : workshop

Date : 28 Aug 2023