Breaking News

Batsadi ba kgothadiwa go buisana le bana

27 Aug 2023

Batsadi ba kgothadiwa go ithuta go buisana le bana ba bone ka jaana kgodiso ya bone e fetogile ka ntlha ya maranyane.

Fa a simolodisa semmuso kaloso ya bana ba ba neng ba tseneletse lenaneo la DREAMS kwa Molepolole ka Matlhatso, Mme Nonofo Iketseng yo o e leng mogolwane mo ofising ya Mopalamente wa Molepolole Bokone, o boletse fa nako e gorogile gore batsadi ba amogele phetogo e e tlang ka maranyane ka e ama kgodiso ya bana mo malatsing a gompieno. 

Ka jalo a re batsadi ba tlamega go ithuta go buisana le bana sentle go itsa gore ba seka ba ba tshaba.

“A re amogeleng diphetogo tse di ltsisitsweng ke maranyane gore re kgone re tswelele pele,” a tshwaela jalo.

Fa a rola maikaelelo a letsatsi leo, modiredi wa mokgatlho wa DREAMS, Mme Opelo Kotlhao, o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o diretswe go sireletsa ngwana wa mosetsana mo dikgwetlhong tse a di raletseng. 

A re mokgatlho oo, o tlhatlhelela bana ka dikitso ka go farologana di akaretsa le dithuto ka bolwetsi jwa HIV/AIDS.

Mo godimo ga moo, o boletse fa ba ba ruta gore bege dikgang tsa kgokgontsho fa e ba diragalela le go ikemela kgotsa go iphemela. 

A re mokgatlho oo, o ruta bana go nna le maikarabelo le go ithuta ka dikgang tsa madi. 

Mme Kotlhao a re mokgatlho o, o mo dikoleng le mo motseng mme ebile o tsenwa ke bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di boferabongwe go ya go tsena kwa go tse di masome a mabedi le bone.

Moithuti go tswa kwa sekoleng se se botlana sa Kutlwano, Mme Lolly Mmereki yo o neng a tseneletse dithuto tsa mokgatlho wa DREAMS, a re o ithutile dilo tse dintsi jaaka go bua le batsadi ba phuthologile.

Motsadi yo o neng a tseneletse dithuto tseo, Mme Kutlo Phofedi a re o ithutile go tokafatsa ka fa a buang le bana ka teng.

A re ka lone lenaneo leo, o ithutile gore ngwana o a akgolwa fa a dirile sentle.  Godimo ga moo, a re o ithutile fa motsadi a tshwanetse go tsepama mo tshwetsong ya gagwe gore fa a sa dumalane le sengwe. 

Letsatsi leo le ne la wediwa ka go neela dialogane tsa dithuto tse ditlankana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : MOLETLO

Date : 27 Aug 2023