Seemo sa metsi kwa mokwena se tlaa tokafala
27 Aug 2023
Seemo sa phatlalatso ya metsi kwa Molepolole Borwa se tlaa nna botoka kgwedi ya Lwetse e fela.
Se se builwe ke modiri mo lephateng la metsi la Water Utilities Corporation (WUC) Rre Lopang Seporo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Kabo Morwaeng.
Rre Seporo o tlhalositse fa tiro ya go goga metsi kwa Gamononyane go a isa Molepolole, e solofetswe go ya bokhutlong, ka jalo morago ga ditekeletso, batho ba tlaa bona tokafalo ya go goroga ga metsi kgwedi e e tlang.
Rre Seporo o boletse fa tiro e ne e solofetswe go fela ka Mopitlo, mme ka mabaka mangwe nako ya yone ya katolosiwa.
A re fa rakonteraka yo o dirang tiro a ne a re o tlaa wetsa ka Phatwe mme a kopile nakonyana ka jaanong ba gokela motlakase o o tlaa dirang gore dipompo di goge metsi.
Tiro ya go gokela motlakase e solofetswe go wela mo bekeng ya ntlha ya Lwetse, mme morago go tlaa pompiwa metsi le pompo e e tswang Gamononyane e a isa kwa Gamosinki.
Go tlaa bo go tlhatswiwa dipompo le ditanka tsa metsi mme ga dilo di apere tshiamo, metsi a bo a phatlaladiwa le motse.
Le fa go ntse jalo, Rre Seporo o tlhalositse fa ba santse ba na le tiro e nngwe ya go oketsa ditanka mo motseng le go baakanya dipompo tse di tsamaisang metsi mo motseng, a re dingwe di dikgologolo ka di sale di tsenngwa bogologolo ke ba Lephala la Water Affairs.
Metse ya Gamodubu, Mmanoko, Molepolole le kampa ya masole ya Thebephatshwa e solofetse go noswa ka metsi a a tswang Gamononyane, e yone e tsayang metsi a North South Carrier kwa Mmamashia.
Rre Seporo o tlhalositse gore ntswa metsi a tlaa bo a le teng, ba tlaa tswelela ba nosa a didiba fa go na le tlhaelo.
A tswelela a tlhalosa fa mathata a metsi a bakilwe ke go kgala ga didiba tse dingwe, ga tse dingwe di wetse.
Banni ba Mmanoko ba ne ba botsa ka kgotleselego ya metsi a didiba, ba re ba ipotsa gore ke eng batho bangwe ba rekisa metsi a go nna jalo, ntswa gotwe metsi a kgotletswe ke matlwana a boithomelo.
Rre Seporo o ne a tlhalosa gore WUC e tlhatlhoba metsi mme a kopa ba dikhamphani tse di ikemetseng ka bonosi go ikgolaganya le bone gore ba tlhatlhobelwe metsi.
Mopalamente Morwaeng o ne a nna le sebaka sa go tlhalosetsa banni ba kgaolo ka ditlhabololo tse a kgonneng go di dira morago ga go tlhophiwa.
A re go tseneng kwa Palamenteng, ba ne ba dumalana gore go adimiwe madi a go goga metsi go tswa kwa bokone go tla mo borwa jwa lefatshe leno.
A re Palamente ya lesome le motso, e ne ya gana go dira jalo, tshwetso e e neng ya dia gore batho ba Molepolole ba sielwe metsi.
Mopalamente o tsweletse fa a ne a ya go kopa thuso gore leobo la Bakwena le tlhabololwe, le mo nakong eno, go agiwang diofisi tsa gotla, selo se areng se supa maikaelelo a gagwe a go tlhabolola kgaolo.
Go solofetswe go tlhabolola ditsela tse di mo kgaolong tsa sekgala sa dikhilomithara di le masome a mabedi le botlhano, tse di tlaa tsenngwang sekontiri.
Mo godimo ga moo, go tlaa dirwa tsela e e tswang fa sekolong sa Blue Bows go wela kwa ga Mosinki, seo e le go fokotsa mosuke wa tsela e e ralalang motse wa Molepolole.
Rre Morwaeng o ne a tlhalosa gore o tsere tswwetso gore a dirise madi a go tlhabolola dikgaolo go fetsa ditsela, a re ke ka moo tsela ya dikhilomithara tse tharo le sephatlo go tswa Gamodubu go wela mo tseleng ya Molepolole – Gaborone e tlaa dirwang.
Rre Morwaeng a re pele go ne go kgaoganngwa madi ka dikgotlana mme se sa dira gore ditsela di seka tsa wela. Tsela e e yang sekoleng sa Masilo e ne ya wediwa mme mopalamente o tlhalositse fa ditsela di tlaa wediwa, go balelwa ya Mmanoko e e tlaa felelang mo kgotleng le kwa sekoleng.
O boletse gore puso e tsere tshwetso ya go aga diofisi tsa mapodisi di le pedi, mme e e dirisiwang mo nakong eno e tlaa tlhabololwa.
Rre Morwaeng o setse a buisitse diphuthego kwa Gamodubu, Mmanoko, Mokgopeetsane, Loologa, Sebele, Ntloedibe mme di tlaa tswelela ka Mosupulogo le Labobedi.
Mo diphuthegong tse, o patilwe ke badirela puso go tswa mo maphateng a farologaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : Molepolole
Event : kgotla meeting
Date : 27 Aug 2023