Breaking News

Dikgafela di rotloetsa mowa boipelego le tshwaragano

27 Aug 2023

Mothusa kgosi ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, a re dikgafela di rotloetsa mowa wa tshwaragano, boipelego le botsalano mo morafeng.

O buile se ka moletlo wa dikgafela kwa Kanye ka Labone. A re dikgafela di isiwa kwa kgotleng kgolo ngwaga le ngwaga go lebogela thobo le go kopa pula.

Kgosi Telekelo o boletse fa ba tlodisitse dingwaga tse tharo ba sa rulaganye moletlo o, ka ntata ya segajaja sa COVID-19.

A re mabele aa rotsweng ke morafe a tlaa isiwa kwa khamphaneng ya NAFTC gore e a sile mme morago kgosi a bitse magosana a gagwe go tla go tsaya bupi go ya ka botlhoki jwa batho ba bone.

Mohumagadi wa ga kgosi kgolo ya Bangwaketse, Mme Masetsibi Malope,  a re le ntswa e ne e le lantlha a bona moletlo wa dikgafela, o bona e le thulaganyo e ntle.

Mohumagadi o akgoletse bomme go ithulaganya sentle, a tlatsa ka gore ke bone ba neng ba le bantsi go feta borre mme e bile ba ne ba supa bokgeleke jwa pina.

A re dikgafela di supa tshwaragano le tirisanyo ya morafe

Mohumagadi a re sengwe se se kgatlhang ka dikgafela ke gore makgotla mangwe a tsenya bana a re se se supa gore ba ruta bana bao ngwao gore e seka ya nyelela. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Dikgafela

Date : 27 Aug 2023