Banana ba itlamile go fetola dikakanyo
24 Aug 2023
Banana ba Mmadinare ba itlamile go sala morago lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go fetola dikakanyo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.
Ba supile se kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lekgotla la dikereke kwa Mmadinare bosheng.
Mongwe wa banana Mme Ookeditse Moabi o tlhalositse fa nako e gorogile gore banana ba fetole dikakanyo le maikutlo go tokafatsa matshelo a bone.
Mme Moabi a re phetogo ya dikakanyo le maikutlo ke go tsalwa sesha le go ntshafatsa tlhaloganyo ya dikakakanyo ka fa motho a dirang dilo ka teng.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa banana ba ba tshelelang mo Modimong le bone ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro, kgatelelo ya maikutlo le tse dingwe.
A re lenaneo la go fetola dikakanyo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng le bua le mongwe le mongwe le baruti tota, e bile a kgothatsa banana ba ba tshelelang mo modimong go fetola dikakanyo tsa bone go ikemela ka dinao.
A re banana ba tshwanetse go itse gore go na le botshelo jwa sekeresete le jwa se lefatshe ka jalo ba seka ba iteseletsa go laolwa ke dikereke di ba lebatsa se ba leng sone.
Rre Thabang Gaorate yo le ene e leng monana yoo sokologileng o ne a kgothatsa banana ka ene go fetola megopolo ya bone, a re Modimo o neetse mongwe le mongwe talente ka jalo ba tshwanetse go ipatlisisa ka seo se ka fetola matshelo a bone.
Rre Gaorate a re lefatshe le tlhoka dikakanyo tse disha gore le tlhabologe, a tlhalosa fa banana e le bone babusi ba kamoso.
E rile a tswa la gagwe Kgosi Tumelo Kgari yoo neng a eme boemong jwa Kgosi wa Mmadinare o ne a tlhalosa fa Tautona a thaile tema e e tlhokang go salwa morago.
Kgosi Kgari o supile fa nako e tsile ya gore mongwe le mongwe a itshekatsheke.
A re mo nakong tse di kwa morago ngwana wa mosimane le wa mosetsana ba ne ba godisediwa mo thutong ya Setswana go itsiwe fa e tlaa tsoga e le batho ba ba nang le boikarabelo.
A re mo nakong ya gompieno batsadi ba letleletse gore bana ba godisiwe ke maranyane ka jalo se se senya ditlhaloganyo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : bokopano
Date : 24 Aug 2023