Dikoloti o rotloetsa go itshidila mmele
23 Aug 2023
Tona wa lephata la Botsogo e bile e le Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang Dr Edwin Dikoloti o rotloeditse maloko a kereke ya Bethel Ame church kwa Pitsane go itshidila mmele.
A re se se botlhokwa mo malatsing a gompieno bontsi jwa batho bo gapelwa matshelo ke malwetse a a sa tshelanweng.
Dr Dikoloti o ne a le kwa motseng oo ka taletso ya kereke eo, go tsena mogwanto o o neng o itebagantse le go kokoanya madi ago baakanya dikago tsa kereke.
Tona Dikoloti a re malwetse a a sa tshelanweng a dirwa segolobogolo ke go sa itshidila mmele go fokotsa bogale jwa one. O tlhalositse fa malwetsi ao a le botlhoko ka jaana fa a setse a tsene motho, a sena kalafi.
A re ntswa itshidilo mmele e sa tlhoke madi gore motho o ka e dira, bontsi bo santse bole maoto a tshupa.
Dr Dikoloti o supile fa puso ya lefatshe leno e dirisa madi a mantsi go leka go ritibatsa malwetsi a tshwana le sukiri, madi a matona ga reng ga a mangwe.
O supile fa a itumeletse go lemoga gore e re le ntswa go santse gole thata go amogela molaetsa wa itshidilo mmele, bontsi jwa dikereke bo atlile mogopolo oo.
Dr Dikoloti o ne a abela kereke eo madi aa kanang ka dikete tsa dipula dile lesome, mme a bolela fa seo e le go lebogela maloko go bo ba bone go le botlhokwa go tsena mogwanto ka o ka thusa go babalela matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : PITSANE
Event : mogwanto
Date : 23 Aug 2023