Batalaote ba ipelela ngwao kwa Sefhophe
15 Aug 2023
Moletlo wa go ipelela ngwao ya Batalaote o o anameng le kgaolo ya legare go tlaa thusa go e tlhaloganya le go batlisisa go feta ka ngwao ya morafe o.
Go dira jalo, go botlhokwa ka go tlaa tsosolosa ngwao ya Batalaote e e tsamaileng e mediwa ke dingwao tsa merafe e mengwe.
Moitseanape wa ditso tsa Batswana, Rre Tjako Mpulubusi o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela ngwao ya Batalaote kwa Sefhophe ka Matlhatso.
A re mo nakong eno go thata go farologanya puo, kapari, dijo le dikarolo dingwe tsa ngwao ya Batalaote mo merafeng e mengwe, bogolo jang wa Bangwato le Bakalaka.
Rre Mpulubusi a re go botlhokwa go boela kwa marakanelong a ditsela go bona gore ngwao ya Setalaote e latlhegile fa kae, le go tla ka methale e Batalaote ba ka kgonang go itse mo go tseneletseng ka ngwao ya bone.
Rre Mpulubusi a re Batalaote ba bonala thata mo kgaolong ya Legare, mme ba tlholegile ntlheng ya bokone gaufi le dinoka tse di tona ba tloga ba ya Namibia, Angola le Botswana kwa ba fitlhileng ba aga le Bangwato kwa Shoshong.
A re ga go na gope fa Batalaote ba amanang teng le merafe ya Setswana e e kwa borwa jwa lefatshe leno, a tlhalosa fa Batalaote ba amana thata le Bangwato le Banyai mme ba ne ba gasama le kgaolo ya Letswapo le Bobirwa fa Bangwato ba sena go fuduga kwa Shoshong le Palapye.
“Batalaote ba bina pelo kana moyo mme ba ne ba tswa kwa bokone ba tsena kwa Matsiloje ba bua Seswena se mo nakong ya gompieno se nyeletseng.”
Rre Mpulubusi o tlhalositse fa Batalaote le Bakalaka ba Banyai ba ne ba sa kgaogane, ka jalo go le thata gore go buiwe ka Batalaote go sena Banyai ka gore ba tshidile mmogo.
Nngwe ya tse a di nankotseng ka ngwao ya Batalaote ke gore kgotla ya Batalaote e pharologano le ya merafe e mengwe ka e agelelwa ka matlapa e seng ka mapako.
A re kgosi e ne e sa bewe go lebilwe gore go tsetswe mang pele, a tlhalosa fa bana barwa ba kgosi ba ne ba latlhelwa mo bodibeng bo tletse dikwena mme yo o tlang ka kwena e tonanyana ke ene a bewang kgosi go sa kgathalesege gore ke ngwana wa bokae.
Kgosi Tshipe Tshipe wa kgaolo ya Mahalapye fa a tswa la gagwe o rotloeditse Batswana go fetola ka fa ba akanyang ka teng, a tlatsa ka go re go botlhokwa gore motho a ikgakologelwe gore ke mang, o tswa kwa morafeng o fe e bile sereto sa gagwe ke eng le mokgwa wa morafe wa ga gabo.
A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a itse dipina, dijo, maele le mainane a morafe o a tswang mo go one ga mmogo le meila ya morafe oo.
Kgosi Tshipe a re Batalaote ba tshwanelwa ke go tsosolosa bogolo jang dikarolo tse di ka nnang le mosola mo go ba fetoleng.
Mogokaganyi wa moletlo o Rre Chilly Segona a re moletlo o o tshwarwa la bobedi mme e bile o tsweletse ka go gola.
A re moletlo o o direletswe go phutha Batalaote botlhe lefatshe ka bophara go ipelela ngwao ya bone le go tsisa popagano le kutlwano fa gare ga bone.
Rre Segona o kopile Batalaote botlhe, puso, dikompone tse di ikemetseng le morafe wa Sefhophe ka kakaretso go ema nokeng moletlo o le go o godisa.
A re go dira tiro e go ne go se bonolo mme a leboga botlhe ba ba neng ba nna le seabe mo go direng tiro e motlotlo.
Mopalamente wa kgaolo, Rre Molebatsi Molebatsi o akgotse Rre Segona le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go rotloetseng tiro.
A re puso e rotloetsa ditiro tsa ngwao ka gore di thusa gore Batswana ba ikgakologelwe gore ke bomang e bile e tsisa popagano le tshwaragano mo go bone.
O kopile maphata a puso ka go farologana go ema tiro ya mofuta o nokeng ka gore ke tiro ya morafe e bile e tsamaisana le maitlamo le maikemisetso a lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Sefhophe
Event : moletlo wa go ipelela ngwao
Date : 15 Aug 2023