Ba utswa bosigo le motshegare
29 Jun 2023
Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe o lela ka borukutlhi le bogodu jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe gammogo le mo metseng e mengwe e e iphaphathileng ka molelwane wa Botswana le Zimbabwe.
A re motse wa gagwe le e mengwe e e gaufi le terata ya molelwane e amilwe ke borukutlhi jo bo dirwang bosigo le motswegare.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Mabutho o tlhalositse gore bogodu jo, bo dirwa bosigo le motshegare, go utsiwa dikoloi, selo se se neng se sa tlwaelesega pele mo kgaolong eo.
A re go simolola ngogola, fa bogodu bo fokotsega kwa Masunga, go lebega dilalome di ne tsa hudugela mo metseng e e akaretsang Zwenshambe, Mbalambi, Moroka, Mapoka, le e mengwe mo kgaolong.
Kgosi Mabutho a re magodu a dikoloi a tla a ipapanne ka didirisiwa tse di bogale tse ba di dirisang go kgaola dichaene tse di lotlelang dikgoro, mme ba dirise botsipa jwa bone go lotlolola koloi.
A re mo lapeng lengwe, go ne ga fitlhelwa go latlhetswe nama e e sidilweng mme ntja ya lapa leo ya gana go e ja. A re e rile mo mosong fa dikoko di tsoga tsa aja nama eo mme ga aswa di le lesome le bongwe.
Mo kgannyeng e nngwe, setlhopha se se ipopileng go tsoma magodu se ne sa sala motlhala wa setlhako sa mmelaelwa morago, mme sa ya go se gorosa kwa lapeng lengwe, kwa go fitlhetsweng makawana a le mabedi, a a neng a inaya naga fa a le mongwe a ne a tshwarwa mme a neelwa mapodisi.
“Fa mapodisi a phuruphutsha monna yoo, a ne a fitlhela dilotlolo tsa matlo, ditshipi tse di looditsweng, nama e go belaelwang e na le botlhole e e dirisiwang go bolaya dintja,” ga bua jalo Kgosi.
O tlhalositse gore mo kgannyeng e nngwe, koloi e ne ya utswiwa mme e rile beng ba yone ba utlwa e duma ba tlhaba mokgosi, mme legodu la inaya naga.
Kgosi Mabutho a re mongwe wa magodu o fitlhetswe ka peterolo ya dilithara tse tlhano, mme fa a bodiwa gore o e isa kae, a tlhalosa fa a ya go e tshela mo koloing e a tlaa fitlhelang e sena peterolo ka a lemogile fa beng ba dikoloi ba di tlogela di sena leokewane go itsa go utswiwa.
Mabapi le go thujwa ga matlo, Kgosi a re mo bekeng e e fetileng, magodu a ne a leka go thuba lebenkele le le bapileng le sekole, mme moagisanyi a tlhaba mokgosi, selalome seo sa inaya naga fa se bona dipone tsa koloi ya mapodisi.
E re le ntswa ditiragalo tsa bogodu di tsweletse, Kgosi Mabutho o akgolela banni ba Zwenshambe go thusa mapodisi mo go lwantsheng borukutlhi. O ne a tlatsa ka go re mapodisi ga a kake a kgona tiro a le nosi, go lebeletswe bobotlana le letlhoko la didirisiwa jaaka dikoloi.
“Ke na le tumelo ya gore fa go ka tsamaya jalo, re ka fenya borukutlhi, batho ba kgona go tshela ka thokgamo,” ga rialo Kgosi.
A re setshaba se na le ditsela tse di se dirisang go lwantsha borukutlhi jaaka go ipopa ditlhopha le go gasa molaetsa wa tlhaselo ya magodu mo motseng.
“Ga ba itsape, banna le basadi ba a goroga fa mokgosi o tlhajwa, mme ba dire ditlhotlhomiso le go latedisa motlhala mo tsatsing le le latelang,” ga rialo Kgosi Mabutho.
O tlhalositse gore banni ba ba sa kgonang go ya pitsong, ba ntsha dijo tse di apeelwang ba ba duleng letsholo, mme bangwe bana ba motse ba ba direlang kwa ntle ba thusitse ka go reka diphala le ditotshe.
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o ne a gatelela gore bogodu bo gaketse mo kgaolong ya gagwe, mo a feletseng a bitsa phuthego ya bagogi le baeteledipele ba metse e e mo kgaolong go sekaseka gore go ka lwantshiwa seemo jang.
O tlhalositse gore ditlhopha tsa ntebela-ke-go-lebele di tshwanetse go tsosolosiwa go lwantsha bogodu.
Rre Moabi a re bogodu jo go dumelwa bo dirwa ke baagisanyi ba thusiwa ke beng-gae, bogolo jang banana ba ba nang le kitso ya gore go diragalang mo motseng.
Mopalamente Moabi o rotloeditse tirisanyo mmogo ya morafe le mapodisi, ba lebeletse le gone gore dithoto tse ke tsa bone.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi George Moroka wa Moroka ene o tlhalositse gore go utsulwe dikgomo di le masome a supa mo merakeng e e faroloranyeng, mme tse dingwe tsa tsone go utlwala di bonwe kwa Zimbabwe.
A re lefelo la borobalo le le gaufi le molelwane, le ne la tlhaselwa ke dilalome mme tsa lwantsha badisa dikago, ba keteka yo mongwe ka matlapa, ba utswa diaparo tsa bone, megala ya letheka le ditotshe.
Kgosi Moroka a re go sa ntse go thujwa matlo a beng ba one ba seyong, go utswiwe malao, ditsidifatsi, diaparo le di television, se se supa fa magodu ao a dirisa dikoloi.
Go leka go lwantsha bogodu, kgosi o kopile morafe go kwadisa batswakwa le go supa dipasa tsa bone tsa mesepele le malatsi a ba a filweng go nna mo lefatsheng leno gore go itsewe baeng le beng gae. Ends
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : ZWENSHAMBE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jun 2023