Breaking News

Kwape o rotloetsa lorato mo baoking

12 Jun 2023

Tona wa Merero ya Mafatshe a Sele, Dr Lemogang Kwape o rotloeditse badiri ba kokelo ya Seventh Day Adventist kwa Kanye go neela balwetse lerato ka go bafa tlhokomelo e e lolameng.

Fa a bua kwa moletlong wa go abela kokelo dikobo tse di lekgolo, masome a marataro le bosupa Seetebosigo a ferabongwe, tse a ile a kopang gore dile masome marataro le borobabobedi di fiwe balwetse botlhe ba ba robaditsweng mo kokelong eo, Dr Kwape one a supa fa balwetse ba tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng bogolo jang ka paka ya mariga.

“Fa re direla setshaba re tshwanetse go netefatsa gore re dira ka lerato mo boteng jwa pelo tsa rona,” a supa jalo.

O kaile fa go tlhokafala gore Batswana ba ipelege, a supa fa lefatshe la Botswana le thailwe ka mowa wa boipelego ka jalo go tlhokafala le gore go boelwe kwa thulaganyong ya go tsaa seabe mo tlhabologong ya lefatshe.

A re puso e dirisa madi a mantsi mme go na le tlhaelo ka ntlha ya gore badiri ga ba dirise madi a a abetsweng maphata sentle.

Dr Kwape, yo gape e leng mopalamente wa Kanye Borwa, o ne a supa gape fa bangwe ba na le mokgwa wa go ikadima madi fa ba filwe boikarabelo jwa go a tshwara.

A re tshenyetso setshaba e simolola fela ka tshenyo e  potlana. O kopile badiri go netefatsa gore fa ba filwe sebaka sa go dira, ba dira jalo ka natla.

“Balwetse ga ba a tshwanela go rapela go bona thuso. Le tshwanetse go ba thusa ka lerato le ka boikokobetso, ka tsholofelo ya gore le rona nako nngwe re tsile go tlhoka tlhokomelo eo,” ga tlhalosa Dr Kwape.

O kaile fa go ntse go na le tlhaelo ee kwa godimo ya melemo mo lefatsheng ka bophara, a tlatsa ka gore seemo jaanong se botoka, ka melemo e setse e le teng.

Fa a leboga, Mothusa Mookamedi wa Baoki kwa kokelong eo, Mme Gotlhe Ponoesele o supile fa dimpho di tsile ka nako e e lebaneng ya mariga.

A re kantlha ya thuso e, molwetse mongwe le mongwe o tlaa segofala ka go nna le kobo, le go akola bothitho a supa fa go ne go utlwisa botlhoko go thusa balwetsi mme go sena dikobo.

O lebogetse dimpho, a supa fa tona a kile a aba dikolotsana tsa ba-na-le bogole, le dimpho tsa letsatsi la keresemose. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Kabo ya Dikobo

Date : 12 Jun 2023