Breaking News

Kopo ya go rurifatsa Mokolwe e atlegile

11 Jun 2023

Kopo ya go rurifatsa motse wa Mokolwe e atlegile mme se, se tlaa dira gore ditlamelo le ditirelo di goroge motlhofo kwa motseng oo.

Se se tlhalositswe ke Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi ebile e le tona wa Itshireletso le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi mo phuthegong ya kgotla kwa Mokolwe ka Labone.

“Ga go kgakala gore motse o na o bo o rurifaditswe le go tlisa ditlamelo go tlaa nna bofefo mo maphateng ka go farologana,” Rre Mmusi a tlhalosa.

Mopalamente o ne a lekodisa banni ka diphetogo le ditirelo tse di akaretsang metsi, sepodisi, motlakase, peo ya ditsha le tse dingwe.

A re mo ngwageng wa madi wa 2023/2024 puso e tsere tshwetso ya go aga diofisi tsa sepodise di le 28 di na le matlo a boroko, lefatshe ka bophara.

“Mo godimo ga moo, puso e alositse mapodisi a le 1 000 mo dikgweding tse di sa tswang go feta mme gape, lephata le tlaa thapa gape ba le sekete go ba rutuntsha go oketsa ba ba leng teng e le tsela nngwe ya go lwantsha tlhaelo ya babereki ba sepodisi,” Rre Mmusi a tlhalosa.

Modulasetilo wa khansele ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Ofentse Mafoko o supile fa khansele eo e sa tlhole e le khansele potlana.“Mo bogompienong, khansele ya Mogoditshane/Thamaga e ikemetse ka bonosi, ditlamelo le tsone ga re di kope gope kgakala,” Rre Mafoko a supa.

Kgosi Omphemetse Moremi wa Molokwe e ne o supile letlhoko la bonno le la metsi le a reng gore ba nwe, ba tsamaya sekgele se se leele go ya go gelela metsi kwa Tsolamosese mo le gone go seng bonolo ntateng ya letlhoko la ditsela le marogo.

O kopile tona go ba okeletsa babereki ba sepodisi ka ditagi, borukutlhi le bogodu jwa leruo di sa ba jese diwelang ka di golela pele.

Modiri mo lephateng la metsi, Rre Moreri Tsiako a re morago ga go dirwa ga ditsela le kgokelo ya motlakase, ba tlaa gokela mealo ya metsi, are mme le fa gontse jalo, go tla nna le nama o tshwere, go nosa banni. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jun 2023