Breaking News

Malope o bolotsa mophato wa Malwelanaga

11 Jun 2023

Kgosikgolo ya GaNgwaketse, Kgosi Malope II o boloditse mophato wa dingwaga tsa 1986-1990 o a o biditseng Malwelanaga.

Fa bolotsa mophato kwa Kanye, ka Matlhatso Kgosi Malope o boletse fa leina le,a le ba reile gore ba tlhokomele lefatshe la morafe mme a tlhopha Rre Bakwena Makaba go nna moeteledipele wa mophato a thusiwa ke Rre Ofentse MathibaPele ga go ba raya leina, kgosi o ne a ba laela gore ba kgaole setlhare sa monyena mme mongwe le mongwe wa bone a goroge kwa kgotla kgolo ka logong lwa setlhare seo.Kgosi Malope o tlhaloseditse mophato fa ba tshwanelwa ke go ithulaganya gore ba nne le ditsela tse ba ka nnang le seabe se se bonalang mo setshabeng.

Rre Ketlhagafetse Mmolaatshephe, mogolo go tswa kwa kgotleng ya Mongala, o tlhaloseditse Malwelanaga fa jaanong e le bagolo ba tshwanelwa ke go ema batsadi nokeng, go aga setshaba le go kaela ba ba botlana mo go bone tsela ya botshelo e e siameng ka boitshwaro jwa bone.

Kgosana kwa kgotlaneng ya Goo-Ruele, Rre Basimanebotlhe Ntshekisang ene o tlhaloseditse mophato fa ba rwesitswe boikarabelo mme ba tshwanelwa ke go itshupa.Setlhopha se, se filwe leina la mophato wa 1886-1889 mme Rre Ntshekisang o ba tlhaloseditse fa ba tshwanetswe ke go itlotla ka ba tlaabo ba tlotla le bone ba ba fetileng.

“Mmala wa kgaka o benelwa mo dikgakaneng,” Rre Ntshekisang a supa, a tlatsa ka gore tse di molemo tse di dirilweng ke Malwelanaga a a fetileng, di tshwanetse go bonelwa mo go bone.Kgosi Mpho Kenosi wa kgotlana ya Morupi, o itsesitse Malwelanaga fa mophato e se go ikgantsha mme e le go itshupa ka ditiro.

Kgosi Kenosi o supile fa mephato ya dingwaga tse di kwa morago e dirile ditlhabololo tse dintsi jaaka go aga matamo le dikgotla, ka jalo   le bone ba tlamega go nna le tse dintle tse ba itseweng ka tsone.

O ba kopile go tshwaragana, ba gakololane fa mongwe wa bone a lebega a tswa mo tseleng e e siameng.

Rre  Dikgageng Sebati, kgosi kwa kgotleng ya Sebako o tlhaloseditse BOPA fa setlhare sa monyena se le boruma, se tshwanetse go oriwa ke kgosikgolo ka jaana se sena le fa e le mosi kgotsa magala.

A re dikgong tsa monyena tse mophato o tsileng ka tsone, di tsile go nna kwa kgotlakgolo go fitlhela kgosi a bitsa mophato o o latelang, a tlhalosa fa dikgong tsa mephato e e farologaneng di sa tshwanela go fitlhelana kwa kgotleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : KANYE

Event : Malope o bolotsa mophato wa Malwelanaga

Date : 11 Jun 2023