Kwape o rotloetsa boipelego
11 Jun 2023
Mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape are go botlhokwa go rotloetsa mowa wa boipelogo mo Batswaneng go thusa puso go atolosa ditlhabololo.
O buile jalo ka Labotlhano morago ga mogwanto wa go kokoanya madi a go rekela sekole se sebotlana sa Lefhoko mochine o o ntsifatsang dipampiri.
Tiro eo e ne e eteletswe pele ke ba lelwapa la ga Mme Isabel Magetse, e le go tsweledisa botsalano jo ba bo simolotseng le sekole sa Lefhoko mo nakong e e fetileng.
Dr Kwape, yo gape e leng tona ya mafatshe a sele, a re e re ka jaana madi a a ntshiwang ke puso a sa lekane ditiro tsotlhe tsa lefatshe, Batswana ba tshwanetse ba gwetlhega go boela kwa letshegong le le agileng lefatshe leno la boipelego.
A re fa merafe e ka tshwaraganela go thusanya, go ka fokoletsa puso mokgweleo ga ba ga busetsa seriti mo setshabeng.
“Le fa puso e ntsha madi, ga a ke a lekana jaanong re boela kwa matshegong a a simolotseng lefatshe la rona a boipelego,”a tlhalosa.
A re e re ntswa maikaelelo magolo a mogwanto oo e ne e le go kokoanya madi a a rekelang sekole mochine, o kopantse gape le go rotloetsa itshidilo mmele go hema malwetsi a a farologanyeng.
O ne a akgolela boora Magetse seabe sa bone sa go itshwaraganya le sekole seo go se batlela dithuso mo dikhamphaning tse di farologanyeng.
E rile a tswa la gagwe, Mme Magetse a tlhalosa fa botsalano jwa gagwe le sekole seo bo gwetlhilwe ke go bona se ne se leka go ipelega le ntswa se le kgakala le ditlamelo.
A re morago ga go abela baithuti bao ditlhako tsa sekole ngwaga o o fetileng, monongwaga o ikopantse le dikgwebo tse di farologanyeng ka maikaelelo a go rekela sekole mochine o o ntsihatsang dipampiri.
A re e re ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, go botlhokwa gore setshaba le dikgwebo tse di ikemetseng di tshwaraganele dithulaganyo tsa mofuta o go thusa ba ba tlhokang.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Botshelo Kgaodi o akgotse botlhe ba ba nnileng le seabe go ba kgobokanyetsa dithuso.
A re mochine oo o tlaa thusa go tokafatsa ka fa bana ba ithutuntshang ka teng, ka jalo o thuse go tokafatsa maduo a baithuti.
A re tshwaragano ya bone le Mme Magetse e mosola ka jaana ba setse ba bone mo ngwageng o o fetileng maduo a lekwalo la bosupa a ne a tokafetse, morago ga go nna dingwaga a le kwa tlase.
Mme Kgaodi o supile gore e re ntswa bontsi jwa baithuti ba sekole seo ba na le dikgwetlho tse di farologanyeng tse di amang maduo a bone, maikaelelo a bone ke go fenya ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ka 65 per cent monongwaga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : LEFHOKO
Event : Mogwanto
Date : 11 Jun 2023