Breaking News

Botsogo jwa babereki bo botlhokwa - mogolwane

11 Jun 2023

Koporase ya metsi kwa Mahalapye e supile fa e tseela botsogo jwa babereki kwa godimo ka go ba ba tlhatlhoba ngwaga le ngwaga.

Mogolwane wa koporase kwa Mahalapye, Rre Moitseemang Monthe a re go dira jalo go ba lemotshitse fa bontsi bo sa tsoge sentle.

Rre Monthe o tlhalositse se ka Labotlhano kwa Mahalapye, kwa mogwantong wa dikhilomithara di le lesome o o neng o tsenwe ke maphata ka go farologana.

A re ba na le babereki ba le 156 mme ba le 155 ba ne ba itlhatlhobela malwetse ka go farologana.

Se a re ke sesupo sa gore badiri ba tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo ka ba dirile jalo ba sa patelediwe.

A re go itlhatlhoba ke kgato ya ntlha go lemotsha ba botsogo malwetse a ba tshelang ka o ne go santse go na le nako gore ba kgone go thusiwa. O gakolotse maphata go tswelela a tshwaragane ka go itshidila mmele.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Thebe Setlalekgosi o lebogetse babereki ba koporase go supa kgatlhego mo go itshidileng mmele le go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo.

Rre Setlalekgosi a re go mo maruding a batho go emela botsogo jwa bone ka dinao ka go ja dijo tse di nang le moroko le go bona ba bongaka go ba gakolola ka dijo tse di tshwanetseng mabele ya bone .

O gakolotse ba-tsaya karolo go tswelela ka go itshidila mmele malatsi otlhe ba bo ba rotloetsa le ba ba tshelang le bone gore ba nne le botsogo jo bo siameng.

Mooki wa kankere ya molomo wa popelo kwa sepateleng sa Mahalapye, Rre Boikobo Mokgatle o gakolotse bomme go itlhatlhobela kankere ka e le nngwe ya malwetse a a sa tshelanweng. A re bomme ba ba tshelang ka diritibatsi (ARVs) ba itlhatlhobe mo ngwageng tse pedi mme ba ba sa tsheleng ka tsone, ba gakolotswe go itlhatlhoba mo ngwageng tse tlhano morago ga tlhatlhoba ya ntlha.

Rre Mokgatle a re bomme ba latlhegelwa ke matshelo ka lebaka la kankere ya molomo wa opelo ka gore mogare o o e bakang ga o lemosege motlhofo mme a ba gakolola go emela botsogo jwa bone ka dinao go boloka matshelo a bone .

Mogwanto o, o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Go Fokotsa Kgolo ya Malwetse a a sa Tshelanweng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : MAHALAPYE

Event : Mogwanto

Date : 11 Jun 2023