Ba Masunga ba kopa sekole sa bobedi
11 Jun 2023
Banni ba Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba kopa go agelwa sekole se se botlana sa bobedi.
Fa a lekodisa mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Mabuse Pule mo phuthegong ya kgotla bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Patricia Khubile o ne a tlhalosa fa sekole se se leng teng se na le palo e ntsi ya baithuti ebile e setse e fekeetsa sekole.
A re se se dira gore bana bangwe ba ba nnang mo Masunga ba tlhaelwe ke diphatlha mme ba felele ba isiwa kwa dikoleng tsa metse ya Vukwi le Mulambakwena.
O boletse fa se se kokonela batsadi ka jaana ba tlamega go ba batlela dipalamo tse di ba isang kwa dikoleng tseo.
Mo go tse dingwe, o ne a kopa gore ba okelediwe palo ya babereki ba Ipelegeng, a supa fa e ba e filweng ya masome a supa le bone e tlhaelela kgakala. A re go ka nna botoka fa e ka okediwa go nna lekgolo kgotsa go feta.
Mme Khubile a re Masunga o setse o itemogela tshologelo ya batho mme bangwe e le ba ba ikaegileng ka lenanelo la Ipelegeng.
O ne a tswelela a kopa puso go sekaseka go oketsa dikatso tsa VDC, a tlhalosa fa maloko a dira namane e tona ya tiro ya go lomaganya le go tlhoma leitlho ditiro tsa ditlhabololo tsa metse.
A re maloko a VDC ga a nke a nna le nako ya go huba maoto ka ebile ba kgona go romiwa go ya go emela metse ya bone kwa mafelong a sele mme lemme le ba atswiwang ka lone le ngomola pelo.
Mo go la gagwe, Kgosi Maruje III wa Masunga o ne a supa fa go tlhoka go agiwa ofisi ya barutabana kwa sekoleng se se botlana sa motse.
Kgosi Maruje o ne a supa gape fa a tlhobaediwa ke palo ya baithuti e morutabana a le mongwe a lebagang le sone.
A re seelo seo se tshwanetse sa sekasekiwa.
O ne a tswelela a ikuela ka borukutlhi, bogolo jang go utswiwa ga dikoloi mo tikologong ya bone, a re batho ga ba robale, selo se a boletseng se ka kgoreletsa bao ba ba berekang go ntsha maduo kwa ditirong.
Fa a araba kgang ya sekole, mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Lebuile Israel o ne a supa fa sekole se sebotlana sa Masunga se na le baithuti ba feta makgolo a robabobedi.
A re palo eo e letla gore go ka agiwa sekole se sengwe sa bobedi, a supa fa seo e le sengwe sa tse di tlaa etelediwang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 12.
Rre Israel o boletse fa ba ne ba tsaya tshwetso ya gore sekole sa Vukwi se thuse go amogela bana ba ba tswang kwa Masunga fa ba tlhaetswe ke diphatlha kwa sekoleng sa Masunga.
Mothusa tona, Rre Pule o ne a gakolola kgosi fa nako e gorogile ya gore a rome mephato ya gagwe go thusa go lwantsha borukutlhi mo motseng.
Rre Pule a re kgang ya borukutlhi e tlhoka go emelwa ka dinao, ka e ka baka gore mafatshe a a mabapi a supane ka menwana mme go felele go nna le dikgotlhang tse di sa tlhokafaleng.
Rre Pule o boleletse banni fa dingwe tse ba di eleditseng di sa kgone go diragadiwa ka ntlha ya go bo letseno la puso le santse le fatlhoga morago ga go babalelwa ke manokonoko a COVID-19.
O ne a tswelela a itsese banni ba Masunga ka melao mengwe e e fetotsweng kwa palamenteng, a re morago ga go lemoga fa Batswana ba kokonelwa ke botshelo, ba ne ba dumalana go ntsha lekgetho mo dithotong dingwe.
Mo selelong sa banni sa go tlhorontshiwa ke ditlou, Rre Pule o ne a ba rotloetsa go ithuta go tshela le diphologolo tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 11 Jun 2023