Breaking News

Melelwane ya sepolotiki ga e amane le ya bogosi

07 Jun 2023

Melelwane ya dikgaolwana tsa sepolotiki ga e tsamaelane le melelwane wa segosi kana ya dikgotla.

Modulasetilo wa komiti e e sekasekang melelwane ya dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara, Rre Mompati Ntapu o boletse jalo fa buisa phuthego ya kgotla kwa Palapye ka Labobedi.

Rre Ntapu, yo e leng molaodi wa Palapye, a re setshaba se seka sa tlhakatlhakanngwa maikutlo ke melelwane ya sepolotiki. 

O ne a tlhalosa fa molelwane wa sepolotiki o kgona go tsena batho ba ba laolwang ke kgosi ka bogare mme go sa reye gore batho bao ba kgaogantswe, ka ba tswelela fela ba ntse e le ba ga kgosi botlhe.

Rre Ntapu o ne a tsibogela dikakgelo tsa ba ba neng ba ngongorega ka kgaoganyo ya dikgaolwana tsa bokhanselara, ba supa fa di gotlhagotlhana le melelwane ya bogosi.

Ba ne ba supa fa dikgotla tsa bone di nyelediwa ke melelwane ya bokhanselara, mme di tlhokana le gore di ikemele ka botsone, e nne dikgaolwana tsa bokhanselara ntleng le gore di kgaolwe kana di okediwe.

Fa a ntsha la gagwe, Rre John Kerutang o ne a supa fa kgotla ya Boikago e le yone e agileng dikgotla tsotlhe, mme e sa tlhokane le gore e kgaolwe gope kana e okediwe.

Rre Ntate Modise ene o ne a supa ngongorego ka dikgotla di tshwana le Mmaphula Bogare, Boikago, Serorome Botlhaba le Bophirima, a supa fa kgwetlho e tona mo go tsone e le gore di thulathulana le melelwane ya bogosi.

Kgosi Leso Elizabeth ene o ne a supa fa a batla kgotla ya Khurumela e ba boela mme ya Mmalekopu e kgaoganngwe.

Ka jalo, Rre Ntapu o ne a kopa dikgosi le morafe go emisa ketsaetsego. 

A re molelwane wa kgotla ke one o tlhalosang gore kgotla e wela fa kae fa wa sepolotiki one maikaelelo e le go tsisa ditirelo kwa Motswaneng.

A re molelwane wa sepolotiki o lebile gore go ka nna botoka fa batho ba ka kgobokanngwa fa kae, ba bo ba neelwa mokhanselara ba le gone foo, go tsisa ditlamelo le mananeo kwa go bone.

O ne a kopa setshaba go phuthologa fa ba akanyetsa kgaoganyo ya dikgaolwana tsa bokhanselara, mme ba di kgaoganye fela ka fa ba akanyang ka teng, ntleng le go akanya gore di tlaa ama melelwane ya segosi.

O ne a tlhalosa fa maikaeleo a komiti e le go tsaya megopolo mo setshabeng ka melelwane ya bokhanselara.

A re thulaganyo e e dirwa lefatshe ka bophara jaaka lefatshe leno le ne le tswa mo ditlhophong tsa 2019. 

O tlhalositse gore maikaelelo a komiti eo ke go utlwa gore a banni ba Palapye ba sa ntse ba dumela fa melelwane ya bone ya bokhanselara e siame le gore a matlhophelo a bone a sa ntse a ba lekane, le gore fa a sa ba lekana go dirwe jang.

Rre Ntapu a re banni ba tlaa ntsha megopolo ya gore fa matlhophelo a bone ba akanya gore a okediwe go dirwe jang, e bile a bidiwe go tweng.

Rre Ntapu o ne gape a re komiti eo e tlhamilwe ka fa molaong o o tsamaisang ditlhopho. 

A re ba romilwe ke mokwaledi wa lekalana le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) go tsisa morero o mo go bone e le maikaelelo a puso gore Motswana a nne le seabe mo ditlhabololong dingwe le dingwe tse di yang kwa go ene.

A re komiti ka fa e agilweng ka teng e na le kemedi nngwe le nngwe jaaka bomme, banana, ba-na-le bogole, bogosi le baruti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 07 Jun 2023