Mapodisi a Selebi Phikwe a kopa thuso mo setshabeng
07 Jun 2023
Mapodisi a Selebi Phikwe a kopa setshaba go thusa mo patlong ya mme wa dingwaga tse di masome mabedi le motso yo o nyeletseng kwa Mmadinare.
Pego ya mapodisi e supa gore mme yoo, o nyeletse Motsheganong a le masome mabedi le borataro.
Mookamela mapodisi a Selebi Phikwe Superintendent Nicholas Kadiatla a re ofisi ya sepodisi e amogetse pego ya ba lelapa la ga Mme Ogomoditse Keipheditse e e neng e supa tlhalosa fa go fetile malatsi a le mararo a nyeletse.
Supt. Kadiatla a re ba lelapa ba supile gore Mme Keipheditse o dule mo lapeng a ya maitisong mo maitseboeng a letsatsi la Motsheganong a le masome mabedi le borataro, mme a seka a boela lwapeng.
Rre Kadiatla a re Mme Keipheditse yo o itsegeng ka leina la Anabella o ne a apere borokgwe jwa bokate jo botala, diteki tse di tshweu le baki e ntsho.
O tlhalositse gore Anabella o sale a bonwa la bofelo kwa maitisong.
A re le fa mapodisi a dirile maiteko a gore setshaba se thuse go batla Mme Anabella ka go anamisa senepe sa gagwe, ga go ise go nne le moshwadile wa gore o ka tswa a le kae, ka jalo a ikuela mo setshabeng go ema ka dinao go thusa sepodisi go batla mme yo.
E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Selebi Phikwe a tshegeditse borre ba le bane ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le boferabobedi le masome a mabedi le bone go thusa mapodisi mo dithothomisong tsa tiragalo e mo go yone go belaesegang ba thukuthile lelwapa lengwe dithoto kwa Mmadinare.
Supt Kadiatla a re babelalewa ba fitlhetswe ka dithoto tse go belaelwang e le dingwe tsa tse di thukuthileng kwa lelapeng le.
E ntse e le kwa Mmadinare, Supt Kadiatla a re ba tshwenngwa thata ka bogodu jwa megala ya motlakase.
O kopile banni ba Mmadinare go tshwaragana le go dirisa mananeo a twantsho borukutlhi a tshwana le la ntebele ke go lebele go thusa go hema seemo se le go lwantsha mohuta ope hela wa borukutlhi.
Rre Kadiatla a re ba lemogile gore matlo a thubilweng go utswiwa megala ya motlakase mo go one ke a go sa nneng ope kana a tsaya nako e telele go sena ope, ka jalo magodu ba tsena motlhofo mo malwapeng a go nna jalo. A re morafe o lomagane le ofisi ya mapodisi go bega dikgang tsa borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MMADINARE
Event : Potsolotso
Date : 07 Jun 2023