Breaking News

Ba ipaakanyetsa ditlhopho tsa poeletso

06 Jun 2023

Dipaakanyo tsa go tshwara ditlhopho tsa poeletso tsa kgaolwana ya Mmaphula Botlhaba mo Palapye tse di tlaa nnang kgwedi eno e tlhola masome a le mabedi le bone di tsweletse.

Ditlhopho tsa poeletso di tla morago ga go tlhokafala ga mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Gagoope Sebina ka kgwedi ya Moranang.
Sebina, yo o neng a emetse Botswana Democratic Party (BDP), o ne a tlhophiwa mokhanselara mo ditlhophong tse di fetileng tsa 2019.

Fa a bua kwa ikwadisong ya bontlhopheng ba kgaolwana eo bosheng, motshwarelela molaodi wa kgaolo ya Palapye, Rre Mompati Ntapu o ne a kaya fa ba le bane ba tlaa emela ditlhopho mme mo go bone e le Rre Andrew Phalalo wa BDP, Rre Mompoloki Mohutsiwa wa Umbrella for Democratic Change (UDC), Rre Gaolathe Kenosi wa Botswana Congress Party (BCP) le Rre Pelotlhomogi Ntebang yo o emeng a sena phathi.

Rre Ntapu o ne a tlhalosetsa bontlhopheng fa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le ne la baya letsatsi la kgwaedi eno e rogwa gore e nne la ikwadiso kgotsa go pega maina a ba ba eletsang go emela ditlhopho.

O tlhalositse gape fa bontlhopheng ba tshwanetse go bo ba ne ba ikwadisitse mo kgaolong ya Palapye mo ditlhophong tsa setshaba tse di fetileng.
A re bontlhopheng le basupi ba bone ba tshwanetse go thusa go tsamaisa ditlhopho ba dira jalo ka go laola batlhophi ba bone gore ba seka ba tlola ditsamaiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2023