Breaking News

Molemi o lela ka mmaraka

06 Jun 2023

Ntswa go tswalwa ga melelwane gore Batswana ba rotloetse balemi ba merogo mo gae, jaanong ba tsene ka mmetela mo temong e, sebe sa phiri e le letlhoko la mmaraka.

Kgaolo ya Selebi Phikwe ke nngwe ya tse di neng tsa bona balemi ba tsena mo temong e ka dipalo.  

Mme Londani le rre wa gagwe Rre Gaseeme Othusitse ke bangwe ba e rileng moepo wa BCL o ema go bereka, ba seka ba iteba dinala, ba bona gore ba ka lema gore bana ba seka ba wela mo isong.

Ba simolola go iphataphatela ka go tlhabolola tshimo ya bone gaufi le toropo ya Selebi Phikwe mme ba lema fela mo go sa feteng seatla gore kgwedi e fela le bone ba kgone go oba letsogo.

“Re simolotse ka bonnyennyane jo re neng re bo ikgobokanyeditse mme re ne re lema go se gontsi ka gore ditlhwatlhwa kwa mmarakeng bogolo jang mabentlele a a rekisang dijo, di ne di le kwa tlase re sa kgone go dira dipoelo,” ga bua jalo Mme Othusitse mo potsolosong.

Bobedi jo, ba simolotse ba lema temo ya komelelo mme moragonyana ba kgona go ikepela sediba mo tshimong, selo se se neng sa ba thusa go atolosa temo ya bone go dira temo ya nosetso.

Le fa go ntse jalo, kgwebo ya bone e ne e sa kgone go gola jaaka ba ne ba solofetse, sebe sa phiri e le gore balemi ka bontsi merogo ya bone e rekwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ka gore merogo bontsi e ne e tsewa kwa ntle ga lefatshe leno.

Fa puso e sena go tsaya tshwetso ya go tswalela merogo go tswa kwa ntle ga lefatshe leno, Mme Othusitse le balemi ba bangwe ba kgaolo ya Selebi Phikwe ba ne ba leletsa mogolokwane tshwetso ya puso, ba lemoga fa le bone ba tlaa kgona go bona dipoelo tse di botoka.

“Fa e sale tshwetso e e tsewa temo ya rona e atile fela thata, re kgona go rekisa sentle re sa phadisanye le merogo e e tswang kwa ntle.”

Le fa go ntse jalo, a re bontsi jwa batho mo kgaolong eno ba ne ba tsosolosa masimo a bone ba tsena mo temong, ka jalo ga nna le balemi ba bantsi go feta jaaka pele.

A re kgwetlho jaanong ke gore ba lwela mmaraka o monnye ka balemi botlhe ba isa merogo kwa Selebi Phikwe, ka jalo ba felela ba bowa ka merogo go sena theko ka gore merogo e tsena ka mmetela.

Mme Othusitse a re ka e le balemi ba ba botlana ba santse ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo, bogolo jang koloi e tona e e ka kgonang go rwala merogo go isa kwa Selebi Phikwe le mafelo a mangwe jaaka kwa Palapye.

A re bontsi bo lwela mmaraka wa Selebi Phikwe ka o le gaufi.

O kopile puso le ba dikgwebo tse di ikemetseng go ema balemi nokeng le go ba agela lefelo la mmaraka kwa ba ka kgonang go isa di-tswa temong tsa bone gore di rekwe motlhofo, a tlhalosa fa e le ditatlhegelo go nna ka merogo e sa rekwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2023