Breaking News

Monna o tshwerwe ka digwapa tsa nama ya kgomo

06 Jun 2023

Monna wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya Molwaagale kwa Khakhea o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga gore a fitlhelwe ka digwapa tsa dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu.

Mogolwane wa sepodisi Assistant Commissioner Dipheko Motube o boleletse BOPA mo potsolotsong gore monna yoo o fitlhetswe ka digwapa kwa morakeng wa Mokapane, dikhilomithara di le thataro kwa bophirima jwa Khakhea ka Tshipi.

A re letsholo la sepodisi la KgomoKhumo le ne la latedisa motlhala wa gagwe morago ga go longwa tsebe, ka jalo o tlaa nama a tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di tsweletse.

Rre Motube a re e re ka jaana kgomo e le botshelo jwa Motswana, ba boloditse letsholo la KgomoKhumo kwa kgaolong eo mo bekeng e e fetileng, maikaelelo e le go upolola bogodu jwa leruo, go tlhotlhomisa digongwana tsa borukutlhi jo le gone go di phatlalatsa.

A re mo godimo ga moo, ba batla go bona kwa leruo leo le rekisiwang teng gore ba kgone go kgaupetsa borukutlhi joo.

A re e le mapodisi ba ikaelela go diragatsa maikarabelo a bone a go netefatsa gore leruo la Batswana le ata le sa kgorelediwe ke bogodu, e le ntlha nngwe ya go itebaganya le mabaka a a dirang gore palo ya dikgomo mo lefatsheng leno e ye tlase.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Kebualemang Kutlase wa Khakhea a tlhalosa fa meraka ya Mokapane e le nngwe ya boremelelo jwa bogodu jwa leruo ka jaana barui ba tlhola ba ikuela ka yone.

A re tsholofelo ke gore letsholo la KgomoKhumo le tlaa thusa go lwantsha seemo seo mo kgaolong ya bone gore barua-kgomo ba phuthologe.

“Botshelo jwa rona ka kwano ke kgomo hela, ke yone re itshetsang ka yone mo go tsotlhe tse o ka di akanyang.

Ke dumela gore letsholo le la sepodisi le tlaa re thusa go lwantsha bogodu jwa leruo, bogolo jang kwa bo remeletseng teng.”

A re o dumela fa jaanong banni ba Khakhea, Kutuku le Ithokoke, ba tlaa rua ka tlhoafalo ka jaana ba ne ba setse ba itlhoboga.

A re bogodu jwa leruo mo kgaolong bo dira gore batho ba nne boitseme go tsaya mananeo a puso a temo-thuo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KHAKHEA

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2023