Breaking News

Barutabana ke modi wa isago ya bana - mogolwane

05 Jun 2023

Barutabana ba dikole tsa bana ba bannye ba mokgatlho wa Mashotswa o o akaretsang Mahalapye, Shoshong le kgaolo ya Tswapong ba rotloeditswe go tshwaraganela go godisa serodumo sa dikole tsa bone.

Modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Daphney Moeng o ne a bua kwa moletlong wa mokgatlho oo wa go ipelela letsatsi la barutabana, e le la ntlha mo ditsong, bosheng.

Mme Moeng o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o itebagantse le go kopanya barutabana ba dikole tsa bana ba bannye le go thusana ka sepe fela se se amanang le go ruta bana ka e le bone bokamoso jwa lefatshe.

A re ka jaana tiro ya bone e le motheo wa thuto, sepe se ba se dirang mo ngwaneng fa a ntse a gola ke tshimologo ya mosepele wa gagwe mo thutong.

O ne a rotloetsa ba-na-le seabe go tshwarana le bone mo go bopeng bokamoso jwa bana.

Le fa go ntse jalo, Mme Moeng a re ba itemogela dikgwetlho dingwe mo tirong ya bone mme di sa ba kgobe marapo ka gore ba dira tiro ya bone ka mabaka a lerato le ba nang le lone mo baneng.

O boletse fa ba tsaya baithuti jaaka bana ba bone le ntswa e le baithaopi.

O ne a tswelela a rotloetsa barutabana go ruta ka boitsholo jo bo eletsegang, a tlatsa ka go re bana ba ba godisitsweng sentle ba na le bokamoso jo bo siameng.

A re bana ba tsaya nako e ntsi ba le kwa sekoleng, ka jalo ba itemogela dilo dingwe tse batsadi ba sa di lemogeng ka bone.

Ka jalo a re go botlhokwa gore batsadi ba tshwaragane le barutabana gore kgodiso ya bone e nne motlhofo.

O tlhalositse fa tiro ya borutabana e batla motho yo o lorato, a le pelontle e bile a le boitshoko.A re go botlhokwa gape go tlhopha mafoko a ba a dirisang ba na le bana ka jaana a kgona go ba aga kgotsa a dira gore ba tswe mo tseleng.

Mme Moeng a re bana ba bangwe ba tswa kwa malwapeng ba utlwile botlhoko, fa gongwe e le diemo tse ba tshelelang mo go tsone, ka jalo barutabana ba tshwanetse ba ela seemo seo tlhoko gore ba seka ba ba okeletsa kutlobotlhoko ka go ka ama thuto ya bone.

A re batsadi ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa barutabana e seng go ba supa ka monwana fa bana ba dira diphoso kgotsa ba sa itsee sentle.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go na le barutabana ba ba boitseme, ba sa dire tiro ka fa go tshwanetseng ka teng, mme a ba rotloetsa go fetola mekgwa le go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo.

A re fa barutabana ba na le botsalano jo bo siameng le bana go ka nna motlhofo gore fa bana ba na le dikgwetlho ba kgone go bua le bone ba phuthologile.

Mo dikgwetlhong dingwe tse ba lebaganeng le tsone, Mme Moeng o ne a supa fa ba tshwenngwa ke kgokgontsho ya bana kwa malwapeng.

O gwetlhile barutabana go latedisa dikgang tsa mofuta o, gore bana ba nne ba babalesegile le go godisiwa ka lorato.

Mo go la gagwe, mmaboipelego wa dikole tseo, Mme Keorapetse Basuti o rotloeditse barutabana go dira tiro ya bone ka botlalo gore boleng jwa bone bo kgone go lemogwa ke setshaba.

Mme Basuti a re barutabana ba dikole tsa bana ba bannye ba dira tiro e ntsi go feta botlhe ka ke bone ba sugang ngwana a santse a le monnye.

A re barutabana ba tshwanetse go dira ka natla gore batsadi ba kgone go bona pharologanyo e e dirwang ke se ba se rutang bana.

O rotloeditse barutabana gore ba nne ba ipaakanya maikutlo pele ga ba kopana le bana gore ba kgone go ba ruta sentle.

A re tiro ya barutabana e botlhokwa thata ka jaana ba dira tiro e batsadi ba sa e kgoneng, ka jalo a ba rotloetsa go e dira ka botswapelo le bonokopila. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : moletlo

Date : 05 Jun 2023