Breaking News

Morafe wa Maape o ipelege

05 Jun 2023

Banni ba Maape ba supile mowa wa boipelego ka go tsenya heke ya selebego se se kwa godimo mo kgotleng ya bone.

Fa a bua kwa moletlong wa go bulwa ga heke eo, modulasetilo wa Khansele ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi a re kgotla ke kwa morero o simololang teng, ka jalo e tlhoka go tlhokomelwa.

A re lefatshe leno le tswa kgakala le lemoga botlhokwa jwa bogosi mo tsamaisong ya lefatshe leno, a tlatsa ka go re fela jaaka mo nakong e e fetileng, bogosi bo ntse bo tsweletse ka go tsisa kagiso le thokgamo.

Rre Merementsi a re tiro e e dirilweng ke morafe wa Maape e supa boeteledipele jwa popota jwa ga Kgosi le bogogi jwa motse ga mmogo le morafe.

A re fa go twe kgosi thothobolo e olela matlakala, e bile kgosi ke botshabelo, go tewa gore kgosi o amogela dikgakololo tsotlhe tse di tlang ka morafe.

A re dinako tsa gompieno ke tsa phetogo jaaka go na le lenaneo la Tlhomo Ntsha ya ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, le le gwetlhang setshaba go fetola ka fa se ntseng se dira dilo ka teng, gore se kgone go isa itsholelo ya lefatshe leno kwa go ya mafatshe a a setseng a itshetletse mo itsholelong.

Rre Merementsi a re lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le itlhomile kwa pele go diragatsa maikaelelo a Tlhomo Ntsha, ka jalo go tlhokega boeteledipele jwa popota go ngoka merafe go dira ka natla go isa kwa tebelopeleng ya 2036.

A re segajaja sa COVID-19 se ne sa ama itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo setshaba se tshwanetse go itshwarelela ka matshego a a tlhodileng lefatshe leno e bong go lemela go ijesa, go dira temo-thuo kgwebo le jone boipelego.

Fa a amogela baeng, Kgosi Matshwenyego Rantsiapane wa Maape o tlhalositse fa mogopolo wa go dira heke ya kgotla o tsetswe ke go bo e e neng e le teng e onetse, mme ka jalo leruo le tsena mo kgotleng go kgona le go rata. Kgosi Rantsiapane a re o ne a rera le morafe ka kgang ya boipelego, mme ba kokoanya madi a go dira tiro e.

A re ba dirisitse P17 000 go tsenya heke eo, a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe ka tsela epe fela. Kgosi Rantsiapane o ne a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng, tse di akaretsang dikole tse pedi, a tlhalosa gape gore ba agelwa kokelwana ya bobedi.

Mothusa mokwaledi wa makgotla a Setswana wa kgaolo eo, Rre Edwin Masire a re lephata la bone le aname le lefatshe leno, ka jalo le tlhaelelwa ke ditlamelo.

Rre Masire o lebogetse tshwaragano ya batho ba Maape le badirelapuso ba ba direlang koo, a re o ka re badiri botlhe ba ka bo ba tshwana le bone.

A re banana ba gompieno ga ba rate go direla mo dikgaolong, mme o ne a ba rotloetsa go tswelela ba ema morafe nokeng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAAPE

Event : moletlo

Date : 05 Jun 2023