Breaking News

Kwape o rotloetsa boipelego

04 Jun 2023

Mopalamente wa Kanye Borwa e bile e le tona wa tsa mafatshe a sele Dr Lemogang Kwape o lebogetse banni ba kgotla ya Sekokotla go somarela ngwao ya boipelego. 

O buile mafoko ao kwa pulong semmuso ya kgotla ya Sekokotla mo Kanye ka Labotlhano.

 A re puso e ntshitse madi go thusa mo kagong ya leobo e fitlhela banni ba ntse ba tsweletse. 

Dr Kwape a re pulo ya leobo leo  ke sesupo sa gore puso ga e batle go lebala ngwao.

A re le fa kgosi Jack Molaoeng a  eletsa leobo leo le ka  tsenngwa di tshipi, o belaela di ka senya tebego ya lone. 

Tona Kwape a re o dumela gore kgosi o buisiwa se ke gore bana ba malatsi ano ga ba utlwe ba tsoga ba direla ditiro tsa botlhoka tsebe mo go lone, bogolo jang fa ba tswa maitisong bosigo. 

A re o tlaa nna a tshwara diphuthego mo kgotleng ya Sekokotla fa nako e mo letla, a bo a re ga a ree gore ga a na go di tshwara kwa kgotleng ya Kgwatlheng mme o tla a di tshwara mo dikgotleng ka bobedi. 

O ne a leboga makhanselara a kgaolo eo ya Nyorosi Central ba ba teng le ba ba re tlogetseng, a re sengwe le sengwe se tla ka nako ya sone a re fa gongwe selo se diragala ka nako e mokhanselara yo a neng a se kopile a duleng. 

Tona Kwape o ne a ba fa sekai ka sekole se sebotlana sa Mmmamokhasi a re se sa le se kopiwa ka ngwaga wa 1999 mokhanselara e le Rre Mathwes Kgautlhe, a re mme se tla  agiwa mo bogaufing. 

Dr Kwape o ne a lekodisa ka melemo e ntse e tlhaela, a re seemo se tokafetse ka jaana melemo e simolotse go goroga bogolo jang ya madi a matona le sukiri.

A re melemo e ne e tlhaela ka mabaka a bolwetsi jwa COVID-19, a re melemo ka bontsi e rekwa kwa lefatshing la China mme ke gone ba ntseng ba bula. 

Fa a bula leobo, kgosi Kwelagobe Mookodi, o ne a re mo makgotleng a Setswana ba dira ka popagano le tirisanyo, a bo a re ditiro tsotlhe di direlwa mo makgotleng a Setswana. A re motho fa a dirile bontle o tshwanetse go akgolwa a santse a le mo botshelong. 

Kgosi Mookodi a re tautona Masisi o rotloetsa kago ya maobo ka gore o batla dikgosi di nna le fa di thusetsang morafe teng. 

Fa a leboga, mokhanselara Noga Phitshana o ne a bolela fa leobo lo lo agilwe ka P450 000 a tswa kwa khanseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : PULO YA KGOTLA

Date : 04 Jun 2023