Masisi o kgala kgokgontsho ya bong
04 Jun 2023
Go botlhokwa go akantshanya ka dikgwetlho tse di apesitseng lefatshe la Botswana kobo ka letshoba jaaka, kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya bana, banana ba ba dirisang ditagi le bana ba ba imang ba le kwa dikoleng.
Mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi o buile se kwa Tsabong Ecotourism Camel Park ka mafelo a beke jaaka a ne a eteletse pele mogwanto wa go kgobokanya madi go tlhabolola lefelo la dikammela.
Mme Masisi a re dikgwetlho tseo tsa selegae di a tshwenya mme a lebogela borara jwa Tsabong le morafe go bo ba ne ba ema ka dinao bosheng go rapela kgatlhanong le dihawa tseo. Mohumagadi wa ga Tautona o ne gape a tsaya sebaka seo go leboga marara otlhe le bahumagadi ba bone go ralala lefatshe leno ka bophara go bo ba ntse ba mo eme nokeng fa a ne a buisa metse ya bone ka go farologana ka dikgwetlho tseo.
Mohumagadi wa ga Tautona o buile seo morago ga gore Kgosi David Toto wa Tsabong a mo lekodise ka botsogo mo kgaolong eo fa a mo amogela mo motseng wa gagwe go tla go etelela pele mogwanto.
O roletse mme Masisi gore kgaolo eo e ntse e sa robalelwa ke ditlhokwa bosheng ka e ne e aperwe ke sefifi sa dipolaano tsa baratani ka ba ne ba itseela matshelo ka dipalo tse di kwa godimo
Borre ba tseela bakapelo botshelo fa bangwe ba ne ba ikgapela matshelo.
Kgosi Toto o gateletse gore kgokgontsho ya bong e a tshwenya, go ima ga banana, bana ba ba inaakanyang le nnotagi ba sale ba botlana mme go tshwanetse ga duwa ka methale ya go inaakanya le mathata a.
Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela badirelapuso go bo ba ne ba tsentse letsogo go thusa go bepisa seemo seo ka go rulaganya merapelo le dithuto tse di neng di eteletswe pele ke baitseanape go tswa mo maphateng a puso ka go farologana go thusa banni ba kgaolo eo go lebagana le mathata a bone.
Kgosi Toto o ne a lebogela Mme Masisi go amogela taletso ya go tsaya loeto go kokoanya madi go sireletsa dikammela le go tlhabolola lefelo la dikammela.
A tlatsa ka gore lefelo leo ke la morafe, mme ba bereka le ba Botswana Tourism Organisation go oka bajanala, go somarela tikologo le go nna lefelo la dithuto ka tsa tlhago. Fa a tswa la gagwe mo boemong jwa mopalamente wa Kgalagadi borwa Rre Samuel Brooks, mopalamente wa Kgalagadi Bokone e bile e le tona wa dikgaolo Mme Talita Monnakgotla, o ne a lebogela Mme Masisi go tsaya karolo mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong go ralala lefatshe leno.
O ne a leboga botlhe ba ba ntshitseng madi go tla go ema ba TSAMAMA Trust nokeng, a supa jalo gore seo se tlaa thusa go tlhabolola Ecotourism Camel Park.
Mme Monnakgotla a re tiro eo ke tiro e tona mme e tlaa fetlha mebereko go thusa go tlhamela banni ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ditiro le go tokafatsa itsholelo mo metseng ya Tsabong, Maleshe le Maubelo.
O ne a lebogela ba Botswana Tourism Organisation go bo ba tsweletse ka go ema ka dinao go godisa bojanala mo Kgalagadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : MOGWANTO
Date : 04 Jun 2023