Leobo la kgotla ya Mogome le butswe semmuso
29 May 2023
Banni ba motse wa Mogome ba itumeletse go wediwa ga kago ya leobo la kgotla. Leobo leo, le le lopileng puso P400 000 le simolotse go agiwa ka kgwedi ya Phukwi mme la wela ka Ngwanatsele ngogola.
Fa a bua kwa pulong ya leobo ka Labotlhano, mogolwane wa moepo wa Morupule, Mme Botlhe Moseki a re kago eo e botlhokwa ka gore ke lefelo le morafe o tshwarelang merero teng, diphuthego tsa kgotla le ditiro tse dingwe ka go farologana di akaretsa meletlo ya go ipelela ngwao.
Mme Moseki a re go tshwaragana le puso mo kagong ya leobo ke go supa gore moepo wa Morupule o na le maikaelelo a go tiisa botsalano jwa one le setshaba. O tlhalosiste gore kago ya leobo e tlaa rotloetsa morafe go rulaganya meletlo ya ngwao le tse dingwe ditiro. Mme Moseki o tsweletse a supa gore go wediwa ga kago ya leobo leo, go supa maikaelelo a puso a go nonotsha ditlamelo le ditlhabololo tsa metse.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo ya batsena moletlo, Kgosi wa motse wa Mogome, Kgosi Balebetse Sesinyi o tlhalositse gore kago eo e tla godisa serodumo sa motse.
Kgosi Sesinyi a re bogogi jwa motse bo ne jwa ema ka dinao go netefatsa gore ba ba filweng tiro eo ba e wetsa ka nako, ebile e le ya boleng jo bo tshwanetseng. Ka jalo, Kgosi Sesinyi a re morafe o tla tshwarela ditiro tsa motse mo lefelong le le phuthologileng.
Le fa gontse jalo Kgosi Sesinyi o ne supa gore motse wa bone o saletse kwa morago ka o tlhaelelwa ke ditlhabololo, ka jalo a re tsholofelo ke gore kago ya leobo ke tshimologo ya go dirwa ga ditlhabololo tse ba di eletsang.
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, Rre Leepetswe Lesedi o supile gore leobo leo kela selebego se se kwa godimo.
Rre Lesedi a re leobo ga se kago fela, a re le na le bokao jo bontsi mo morafeng ka le dirisiwa e le lefelo la bokopanelo go tshwara dikgang tsa motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOGOME
Event : Pulo ya leobo
Date : 29 May 2023