Ditlou ga di robatse ba masimo a Goshwe
25 May 2023
Banni ba Goshwe kwa kgaolong ya Tutume ba supile fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke
ditlou tse di ba senyetsang mo masimong.
Fa ba ikuela mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Dr Never Tshabang kwa Goshwe ka Labobedi, banni ba re badiri ba lephata la diphologolo ba tsaya nako go sekaseka tshenyo, mme bosupi bo felele bo nyelela.
Ba re ngwaga le ngwaga ba lemela ditlou, ka e bile di latela marotse mo malwapeng.
Mo go tse dingwe, ba ngongoregile ka go tlhaela ga metsi, tiego mo go abeng ditsha tsa bonno le tlhaelo ya matlo a boroko le borutelo kwa dikoleng.
Mongwe wa banni, Mme Sebatho Ketshabile a re kgang ya go tlhoka kgosi e ba beile ka fa mosing, ka ba tsamaya sekgala se seleele ba latela go beelwa setempe kwa Tutume.
Mme Ketshabile a re ba batla tharabololo ya kgang ya bogosi, oa tlhalosa fa kgosi ya bone e sale e tlogela tiro ka 2017, mme go ise go bewe ope yo o mo tlhatlhamang.
A re seo se a ba kokonela ka ga gona sepe se se tsamayang mo motseng.
O kopile gore banne ba lekodisiwa ka dinako tsotlhe mabapi le kgang eo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Goshwe, Rre Basina Zwemisi o lebogetse go dirwa ga tsela e e lomaganyang Tutume le Goshwe, a re gompieno e a tsamaega.
Mogolwane kwa lephateng la diphologolo kwa Tutume, Mme Ketimeletswe Mondiya a re lephata le epa didiba kwa Ngwasha go leka go nosa diphologolo tseo, ka ba lemogile fa di dirwa ke go batla metsi le phulo mo di felelang di gotlhagotlhana le batho.
A re gape ba okeditse bodiredi jwa bone, e bile ba fudugetse kwa Nkange gore ba kgone go laola diphologolo tseo.
Mopalamente, Dr Tshabang o ne a tlhalosetsa banni fa puso e tsere tshwetso go re ditsha tsa boswa di seka tsa lopiwa sepe fa bajaboswa ba batla go di fetolela mo go bone.
A re seo se tlaa thusa thata ka e ne e le selelo morago ga phetogo le tsamaiso e ntsha ya molao wa tiriso ya lefatshe.
O boletse fa dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng le tiriso botlhatswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase e ile magoletsa mo kgaolong.
O kgadile batsadi bangwe ba ba bipang mpa ka mabele mabapil le dikgang tsa tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana.
Dr Tshabang a re kgaolo ya Nkange e okeleditswe ka metse e le mene wa Marobela, Mafhungo/Hubona, Semitwe le Marapong.
O kopile banni go nna le seabe ka nako ya komiti e e tsayang megopolo mo bathong mabapi le tshekatsheko ya kgaoganyo ya dikgaolwana tsa bokhanselara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 May 2023