Breaking News

Kgalagadi Borwa e tlaa okelediwa makhanselara

22 May 2023

Kgaolo ya bopalamente ya Kgalagadi Borwa e e ntseng e na le makhanselara a le lesome le bone  e tlaa okelediwa ka makhanselara a le mane marago ga go sekwasekwa palo ya batho e e oketsegileng le kemedi ya sepolotiki ya mo dikgaolwaneng tsa botlhophi.

Banni ba kgalo ya Tsabong ba 35 351 mme mokhanselara a le mongwe o ka buelela batho ba le 1 964 gore a kgone go fitlhelela botlhe.

Seo se builwe ke moeteledipele wa lekoko le le romilweng ke mokwaledi mogolo wa Independent Electoral Commission(IEC) e bile e le molaodi wa kgaolo ya Tsabong Rre Bigboy Mangwa. fa a  buisa phuthego ya kgotla kwa Draaihoek ka Labotlhano.

A re tshwetso e, e tserwe ke tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae morago ga gore lefatshe la Botswana le diragatse thulaganyo ya palo batho e e supileng fa batho ba oketsegile mo kgaolong eo.

Mo kgaoganyong ya melelwane go sekasekwa mabaka a a farologanyeng jaaka boatlhamo jwa lefelo, ditlamelo tsa ditlhaeletsanyo, melelwane ya kgaolo ya botlhophi ya bopalamente, gore merafe e agisanya jang, e atamelane go le kae, dingwao tsa merafe eo le gore a matlhophelo  ga a mosuke. A re ba tsweletse ka go rerisanya le  Batswana go tsaya megopolo mme lekoko leo le solofelwa go busa phetolo ka Seetebosigo a tlhola masome a mabedi le botlhano.

Rre Mangwa a re go dira jalo ke namane e tona ya tiro mme go simologile pele ka go sekaseka gore go kgaoganngwe dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente mme go ne ga tsewa tshwetso ya gore kgaolo ya bopalamente ya Kgalagadi Borwa e tswelele e le nngwe go sena go sekwasekwa mabaka a a farologanyeng.

A re tiro ya lekoko le a le eteletseng pele ke go kgaoganya dikgaolo tsa botlhophi tsa bokhanselara, go baakanya maina, le go sekaseka dipalo tsa matlhophelo.

Fa a rolela lekoko leo megopolo e ba e kopanetseng e le morafe mabapi le kgaolwana ya Botlhophi jwa mokhanselara ya Draaihoek/Makopong, monni wa Draaihoek Rre Senamile Mojombe o kopile gore kgaolo eo e kgaoganngwe gabedi, go nne le ya Makopong le ya Draaihoek, nngwe le nngwe e ikemele.

A re ka ngwaga wa 2011 motse wa Draaihoek o ne o na le banni ba le 994 mme jaanong morago ga ngwaga tse di lesome ba oketsegile go nna 1 411.

Rre Mojombe o tlhalositse gore kgaolwana eo e na le meraka e mentsi fela thata le dipolasi.

A re e bophara, e bile ba belaela  ba ba mo dipolasing ba ka tswa ba sa balwa botlhe ka nako ya fa go dirwa palo batho ngogola.

Monni yo, a tlatsa ka gore kgaolwana eo e boatlhamo mme mokhanselara a ka se kgone metse ya Makopong, Draaihoek, meraka le dipolasi tse di e dikologileng a le esi ka jalo e tlhoka go kgaoganngwa.

O ne a supa gore ditlhabololo mo motseng di a bonala ka maphata a puso ka bontsi a teng mo kgaolwaneng eo.

Rre Mojombe o ne a kopa gore kgaolo eo e bidiwe Draaihoek mme e simologa kwa morakeng wa Witsbank e felela kwa go wa Tshane kwa molelwane wa Makopong o tlaa simologang teng.

A re motse oo, o ntse o na le matlhophelo a le mabedi eleng kwa sekolong se se botlana sa Bopaganang le kwa kgaolwaneng ya Legonono mo motseng oo.

Ka jalo a kopa gore matlhophelo a okediwe go nna mararo ka gore kwa Bopaganang go ntse go nna le mosuke mme bangwe ba felele ba sa tlhopha ka mela e a bo e le meleele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : DRAAIHOEK

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 May 2023