Ba kopa go bewa ditsha tsa masimo
21 May 2023
Banni ba dikgotla tsa Buuhe, Kgongwe le Tawana kwa kgaolong ya Letlhakane Botlhaba ba ikuetse ka ditsha tsa masimo le bonno ba re ba batla go ijesa go na le go baya mo pusong jaaka ba dira gompieno.
Kwa Buuhe, banni ba boletse fa bontsi jwa bone ba se na ditsha ebile e le batlhoki, ba ikaegile ka dithuso tsa lephata la boipelego.
Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe ka Labotlhano kwa mafelong ao, monni wa kgotla ya Buuhe, Rre Baratamang Kobue a re ba kopa ditsha tsa masimo gore ba leme ba jese malwapa a bone, e seng go baya fela mo mophakong.
A re malwapa a bone a mosuke ka go lobaka ba kabo ditsha ba sa ba abele ditsha tsa masimo le bonno.
Mme Batsere Oneilwe o boletse fa e le motholagadi ebile a nna le bana ba masiela mme a sena bonno jo bo siameng.
Rre Mboma Kaeko ene a re ba lapisitswe ke go kopa dithuso kwa go bommaboipelego a re ba abelwe ditsha tsa masimo, go imolola puso morwalo.Banni bare bontsi bo setse bo ipaya lefatshe e seka fa molaong, mokgwa o mopalamente le ba kabo ditsha ba o kgalang.
Ba boletse fa bana ba bone ba tlogela dikole ka dipalo tse di kwa godimo, bangwe e le ka ntlha ya letlhoko, ba batla go ya go iphataphatela ka batsadi ba sena se ba nang naso.
Kwa kgotleng ya Kgongwe, modulasetilo wa komiti tsa ditlhabololo, Mme Nkamogelang Nkgolang o boleletse mopalamente fa ditsela tse di fa gare ga kgotla di tlhoka go gopiwa.
Mme Nkgolang a re go tlhoka tiro ga banana, go baka gore ba inakanye le ditiro tse di maswe tsa borukutlhi le ditagi bangwe, go akarediwa ba ba dingwaga tse di kwa tlase ba ima.
O boletse gape fa tlhaelo ya melemo e ba apesitse kobo ka letshoba mme balwetse ba sena madi a go ithekela melemo.
Kwa Tawana, Kgosi Dira Galeragwe a re kgotla eo, e na le mekgatlho e e phuthaganelang le banana kwa kgotleng, go ba rotloetsa go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa.
Kgosi o boletse fa ba na le mekgatlho ya banana le bagolo e e kopanelang kwa kgotleng go rutana ka tsa bodiragatsi mme e dira sentle.Banni ba lebogetse ditirelo tsa puso tse di setseng di simolotse mo motseng jaaka kago ya sekole se segolwane, madirelo a go tlhatswiwa ga metsi le tse dingwe tse di tlaa dirwang jaaka kago ya sepatela se se tlaa thusang se se teng le kago ya diofisi tsa sepodisi.
Modulasetilo wa kabo ditsha ya lekgotla le le botlana la Letlhakane, Rre Shana Kethanyegile o boletse fa lekgotla le tsweletse ka go aba ditsha mme a kaya fa bone le boeteledipele bongwe jwa morafe ba sekasikile go bona kwa ba ka bayang batho ditsha teng tsa masimo.
O boletse fa lefelo le banni ba neng ba eletsa go bewa kwa go lone e le la mahudiso mme gore tiriso ya lone e fetolwe, go tshwanetse ga selwa molao le tsamaiso morago.
A re mo bogompienong go dirwa mealo pele go ka bewa ditsha.
Rre Lelatisitswe o boleletse banni fa Boteti e le kgaolo ee ikemetseng a sa tlhole e tsaya ditshwetso kwa Serowe, le madi a a tswang kwa pusong a tlhamalela kwa go bone.
Se a re se tlaa tlhofofatsa go isiwa ga ditlamelo kwa morafeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : LETLHAKANE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2023