Go tlhoka tsela go ba jesetsa mo kgobedung
21 May 2023
Banni ba motse wa Majwanaadipitse ba kopa go direlwa tsela e e tlaa nolofatsang go latela ditlamelo kwa motseng wa Serowe.
Banni ba ne ba dira kopo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalemente wa kgaolo ya Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe bosheng.
Fa a ntsha pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Lefoko Keogoditse o ne a tlhalosa fa tsela ya Majwanaadipitse-Tshimoyapula e le mo seemong se se maswe ka jaana e tletse mantswe le mororo e kile ya gopiwa. Rre Keogoditse o boletse fa seemo sa tsela eo gape se dira gore bagwebi le bone badirelapuso ba gane go ya kwa motseng wa bone ka jaana tsela e sa tsamaege. O ne a gwetlha puso go ba thusa ka mananeo le go isa ditlamelo kwa motseng wa bone ka jaana o le kgakala le Serowe.
A re ba tshwanetse go atumediwa ditsela, dikokelo, motlakase, marekisetso le jone bodiredi jwa puso. Rre Keogoditse o boletse fa ba na le matshwenyego a mantsi thata a ba tlhokang gore puso e a tsibogela, a tshwana tlhaelo ya boroko jwa badiralapuso, metsi, melemo kwa kokelwaneng le letlhoko la ditsha tsa bonno. Fa ntsha la gagwe, Rre Ontiretse Didibeng o boleletse mopalamente fa go tlhoka tsela e e siameng go ba jesetsa mo kgobedung e bile e tsenya batho bokoa, bogolo jang ka jaana bangwe balwetsi ba koafalale pele fa ba isiwa kwa sepatateleng sa Sekgoma kwa Serowe.
Rre Didibeng o boletse gape fa motse wa bone o sena kgosi mme ba laolwa ke ba Tshimoyapula.
O ne gape a ngogorega ka tlhaelo ya melemo kwa kokelong ya bone le ntswa go boletswe mo palamenteng e e fetile fa melemo e gorogile. Fa Rre kgosana Raditshego ene a boletse fa ba sale ba solofediwa tsela ka ngwaga wa 2003 e bile a batla go itse le gore madi a a neng a abetswe go e dira a ile kae.
Mo go tse dingwe, o ne a kopa puso go sekegela batho ba teng-nyana-teng tsebe mo dilelong tsa bone ka jaana bontsi bo tshelela mo lehumeng. Le fa go ntse jalo, ba ba filweng leruo ka lenaneo la dithuso la batho ba teng-nyana-teng, ba boletse fa ba se na mokenti mo Majwanaadipitse mme ba mo latela kwa Tshimoyapula ba tlhalosa gore fa leruo le lwala go nna bokete go mo itsise. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2023