Banni ba supa borai jwa molapo
21 May 2023
Banni ba Tshimoyapula mo kgaolong ya Serowe Bokone ba ikuetse mo pusong go ba tswa thuso ya potlako go leka go hema dintsho tsa batho le leruo tse di diragalang mo molapong o o ralalang motse wa bone.
Ba ikuetse jalo mo go mopalamente wa bone wa Serowe bokone Rre Baratiwa Mathoothe mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi ba tlhalosa fa molapo oo, o ba baya ka fa mosing ka nako ya dipula.
Ba boletse fa molapo wa Tshimoyapula oo ralalang motse e simolotse fela ele tsela mme wa gola ka ntata ya bokete jwa metsi go nna mokgatsha o jaanong ele molapo fela oo bulegileng ebile o le boteng.
Ba re seemo se, se dirwa thata ke gore mmu wa motse wa bone o boleta, ka jalo mabotana a molapo a felela a phomega mo go dirang gore molapo o golele mo malwapeng a a bapileng le o ne. Banni ba boletse fa batho bangwe ba setse ba tlhokafetse ba leka go kgabaganya molapo, bangwe ba golafetse fela thata, fa leruo lone le tserwe ke metsi. Mongwe wa bagodi ba motse Rre Lopang Phole a re ba tshelela mo poifong ya gore bana ba tla tsewa ke molapo ka nako ya dipula.
A re ba feletswe ke leruo mo molapong o ba sa bolong go ikuela, ba solofetswa go thusiwa mme nako kgolo ke eno.
O boletse fa kokelwana ya bone ee bapileng le molapo e setse e phatoga lebota ka gore molapo o setse o tsamaya fa molelwaneng wa tereta.
Rre Koketso Rakereng e ne o dule ka mogopolo wa gore go ka dirwa molatswana oo ka faposetsang metsi kwa ntle ga motse aa tlang ka bokete ka na ga teratelwa molapo fa motseng go netefatsa pabalesego ya batho le leruo.
Bontsi bo boleletse mopalamente fa makoko ka go farologana go balelwa le ofisi ya ga molaodi le mokwaledi wa khansele ba etetse molapo makgetho a le mantsi mme ba solofetsa fa matshwenyego a tlaa romelwa kwa go tshwanetseng mme sebaka ke seno.
Erile mopalamnete a ntsha la gagwe mabapi le molapo a bolela fa a itsi thata ka bodiphatsa jwa molapo, e bile kgang ele mo tafoleng fa pele ga tona yoo maleba.
Mo go tse dingwe banni ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo motseng wa bone. Ba supile fa dipompo tse dineng di tsenyeditswe morafe mo motseng di kgaotswe ke kompone ya metsi ka mabaka a bone mme se, se sokodisa ba ba senang metsi kwa malwapeng.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana (PTA) Mme Polokego Mothoosele o dule ka mogopolo wa gore madi a dikgaolo tsa bopalamente a P10million, a dirisediwe go aga matlwana a borutelo a bana, boroko ja barutabana le go rekela bana paka ya sekole.
Mme Mothoosele o supile fa ba tshwenngwa ke seemo se baithuti bangwe ba ntshiwang mo sekoleng go ya go disa kwa merakeng le dipolase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : TSHIMOYAPULA -
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2023