Banni ba lela ka maduo a sekole sa Moeng
10 May 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Sethabelo Modukanele o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana le go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana.
Rre Modukanele o ne a ntsha kopo eo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa ebile a tsibogela matshwenyego a banni ba Ratholo, Majwaneng le Manaledi bosheng.
O ne a dira kopo eo morago ga gore banni ba metse eo ba supe fa ba sa itumedisiwe ke maduo a sekole se segolwane sa Moeng ba kaya fa a le kwa tlase e bile ba supa bogogi jwa sekole le barutabana ka monwana.
Rre Modukanele o ne a tlhalosa fa ene le bogogi jwa thuto ba etela sekole seo kgapetsakgapetsa go lekola le go lemoga mathata otlhe a a senang nao.
Are ba tshwanetse go lebelela modi wa mathata gore ba kgone go baakanya seemo, a tlhalosa fa go supana ka menwana e se tharabololo.
Banni ba metse eo, ba ne ba supile fa ba dumela fa bogogi le barutabana ba sa dire go lekane mo thutong ya bana le go tokafatsa maduo a sekole seo.
Fa a tsibogela kgang ya maduo, mogolwane wa thuto wa kgaolo ya Palapye, Mme Didimalang Mmemo o boletse fa lephata la thuto le lone le tshwentswe ke maduo a sekole sa Moeng. Mme Mmemo o boletse fa ba dirile dipatlisiso ka seemo sa maduo a sekole seo, a tlhalosa fa seemo seo se batla kemonokeng ya ba-na-le seabe ka kakaretso.
Are baithuti ba pele ba sekole seo ba Class 2009 le bone ba tshwentswe ke maduo mme ba ikemiseditse go thusa bana le go busetsa serodumo sa sekole sa bone sa pele.
O boetse fa sekole sa Moeng se na le bokgoni jwa go fetola seemo ka tshwaragano ya baithuti, batsadi le barutabana.
O ne a tswelela a kgothatsa batsadi go tsenya bana ba bone leitlho thata are bangwe ga ba tsene sekole sentle, bangwe ba dirisa ditagi fa ba bangwe ba tlhoka tsebe.
Mo go tse dingwe, banni ba metse eo ba ne ba lela ka modumo wa diletso mo marekisetsong bojalwa, ba tlhalosa fa go lediwa go fitlhela phakela.
Ba ne ba supa fa seemo seo se bifa thata ka nako ya go na le dintsho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2023