Breaking News

Manyoro o gwetlha banni go ikemela

01 May 2023

Kgosi Piet Manyoro wa Khawa o gwetlhile banni ba motse oo go ikitaya ka thupana go akola dintlenyane tse di tlisiwang ke go tshwarwa ga moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Khawa Dune Challenge.

Mo puisanyong le BOPA, Kgosi Manyoro o supile fa moletlo o, o le mo ngwageng ya bo lesome o ntse o tshwara, mme a re go a swabisa go bona banni ba neetse tshwene marapo ka go sa simolodise dikgwebo le ditirelo tsa sennela ruri go tlhabolola itsholelo ya malwapa a bone.

Kgosi Manyoro a re, motse wa bone o aperwe ke lehuma mme banni ba tshwanetse go itsolopanya go bona gore ba fitlhelela maikaelelo a go tshwarwa ga moletlo o, a go tsosolosa bojanala jo bo ka thusang go tlhama mebereko go fetola matshelo a beng gae go nna a itumedisang.

A re moletlo o, o ba butse matlho gore ditsa tlholego tse di mo tikologong ya bone ga mmogo le ngwao ya bone di na le bokgoni jwa go rotloetsa bojanala mme ba kgone go bona madi.

Ka jalo, o ne a iteela tshimolodiso ya moletlo o legofi a re e ba file sebaka sa gore motse wa bone o itsiwe lefatshe ka bophara.

O ne a gwetlha banni go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, mme ba itepatepanye le diphetogo tsa botshelo, ba ntshe ditirelo tse di eletswang ke bajanala, eseng go nna babogedi mo motseng wa bone.

O ne a lebogela tshimolodiso ya kgoro ya go tsena kwa lefelong la diphologolo la Transfrontier Park.

A re banni ba tshwanetse go tsibogela ntlha eo, mme a ba rotloetsa go dira dikgwebo tse di tsamaelanang le thotloetso ya go ngoka bajanala.

O ne a gwetlha puso go ba tshelela sekonotere mo tseleng e e gokaganyang motse wa Khuis le Khawa go thusa go atumetsa ditirelo mo motseng wa bone a re seo, se tla thusa le go fokotsa dikotsi tsa tsela ka nako ya moletlo.

Kgosi Manyoro a re ntswa moletlo o, o ba tlela ka tse dintle, mme gape ba itemogela le tse di sa itumediseng jaaka seemo sa nnotagi e feteletseng le go thubega ga malwapa.

A re bana ba basetsana gantsi ke bone o fitlhelang ba thelegetswe ke mmoko wa talane ka ntlha ya nnotagi eo.

Kgosi Manyoro a re ba mekamekane le dikgetsi tsa boimana jwa banana ba ba kwa tlase ka dingwaga mme a re se se ngomolang pelo ka bana bao, ba felela ba godisiwa ba sena borraabone ka ba tsene ka lenga la seloko.

O gateletse botlhokwa jwa kgodiso ya ngwana a bolela fa ngwana a na le tshwanelo ya go godisiwa ke batsadi ka bobedi gore a tle a nne le boikarabelo mo isagong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KHAWA

Event : Puisano

Date : 01 May 2023