Tibi o tlhophilwe go nna modulasetilo gape
05 Apr 2023
Mokhanselare wa Morama mo Ghanzi, Rre Jeremiah Tibi o tlhophilwe gape go nna modulasetilo wa khansele ya Ghanzi ka Mosupologo.
Ditlhopho tse di tla jaana morago ga go kgaoganngwa ga khansele eo le ya Charleshill go nna tse di ikemetseng.
Go kgaoganngwa mo, go raya gore khansele ya Ghanzi e nna le makhanselara al e lesome le boferabongwe go balelwa ba le bane ba ba ithophetsweng, fa ya Charelshill e nna le makhanselara a le supa go balelwa ba le babedi ba itlhophetsweng.
Rre Tibi yo a neng a ntse a eteletse khansele ya Ghanzi pele e kgaogana, o fentse, Rre Jumanta Gakelebone wa Newxade ka batlhophi ba le lesome le metso e mebedi kgatlhanong le batlhophi bale batlhano. Mokhanselara wa Ghanzi Borwa, Rre Gabriel Nguahoka o fentse mokhanselara wa D’kar, Rre Xukuri Xukuri go nna mothusa modulasetilo ka batlhophi bale lesome le metso e mebedi kgatlhanong le batlhophi bale batlhano.
Mo mafokong a go amogela thomo ya go tswelela a eteletse khansele ya Ghanzi, Rre Tibi o gateletse maitlamo a go baya dikeletso tsa morafhe kwa pele.
O ne a re mo go tlhabololeng morafe go botlhokwa gore le one o tsee ditshwetso.
A re fa badirela puso le makhanselara ba ka ikitaya ka thupana le go goga mmogo, morafe o ka akola ditirelo tsa maemo a ntlha ka nako e bile ditlhabololo tse di saletseng morago di ka wediwa. Mothusa modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Nguahoka ene one a re ka a tla bo a beile leitlho ditirelo tsa dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo, o tla netefatsa gore maikaelelo a puso a go thusa merafe ya koo a fitlhelelwa.
Ditlhopho tsa boeteledipele jwa khansele ya Charleshill di solofetswe go tshwarwa ka Laboraro Moranang ale metso e metlhano. BOkhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Ditlhopho tsa khansele
Date : 05 Apr 2023