Dialogane di kopilwe go tsepama mo thutong
03 Apr 2023
Dialogane tse di rutetsweng kago go tswa Mmatshumo ba kopilwe go tsepama mo thutong ka e ka ba thusa go tlamela matshelo a bone le go tsholetsa bokamoso jwa bana ba bone.
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Boteti, Rre Batsweletse Kgagamedi o buile jalo bosheng, kwa kalosong e e neng e tshwaretswe kwa Boteti Brigade.
Kaloso e e ne e tseneletswe ke dialogane di le masome a mararo tse di neng di ithuta tsa kago, motlakase, go penta, go betla, go gokela metsi le go dila.
Rre Kgagamedi o tlhalositse fa maikaelelo e le go fetola lenaneo la Ipelegeng ka go rutuntsha babereki gore le kgone go ntsha maduo.
A re dialogane tse e tlaa nna tsa ntlha go akola lenaneo le le tlhabolotsweng la Ipelegeng.
Rre Kgagamedi o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka ditiro tse di sa feleng jaaka kago ya koporase ya Mmatshumo.
Moeteledipele wa khansele ya Boteti, Rre Christopher Maramba o tlhalositse fa maikaelelo e le go tsholetsa botshelo jwa Motswana le go tlhama ditiro ka go ba fa ditiro ba dirisa lenaneo la Ipelegeng.
O supile fa ba tlaa abela dialogane tiro ya go aga kwa sekoleng sa bana ba dingwaga tse di kwa tlase, e le tsela ya go thusa go tlhatlosa matshelo a bone.
O tlhalositse fa maikaelelo e le go thusa Motswana gore a nne le tsela ya itshetso ka go mo rutuntsha mo ditirong tse di farologaneng.
O ne a rotloetsa dialogane go nna le lerato le go dira tiro ya bone ka bokgabane.
Fa a akgela, mokhanselara wa kgaolwana ya Mmatshumo, Rre Gasethata Oagile, o ne a gakolola dialogane go tshwara ka thata mo tirong ya bone le go bereka ka mowa o mongwe fela.
O ba kopile gape gore go seka ga nna le yo o tlaa tlogelang mo tseleng, a supa fa thuto e tlhoka bopelotelele.
Moeteledipele wa lenaneo la Ipelegeng, Rre Kagiso Laba o ne a tlhalositse fa dialogane di tlaa kgaoganngwa ka ditlhopa mme ba abelwe ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng.
O supile fa dialogane di tlaa fiwa didirisiwa tsa kago go ba thusa gore ba kgone go simolola tiro.
Mongwe wa dialogane, Rre Bapamidzi Ketimetse o ne a supa fa ithutuntsho ya tiro ya diatla e tsile ka nako e e siameng, a tlhalosa fa a sale a bereka e le moagi dingwaga tse di fetileng mme a sa kgona go tswelela ka a ne a sena setlankana sa kago.
Rre Ketimetse o supile fa a kile a abelwa tiro ya go aga matlwana a borobalo a bana ba sekole kwa Mmatshumo, mme ba ba neng ba na le ditlankana ba tsenya ngongorego ya gore ditiro di abelwa batho ba ba senang ditlankana tsa kago, ka jalo a felela a tswa mo lenaneong leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : LETLHAKANE
Event : Kaloso dialogane
Date : 03 Apr 2023