Breaking News

Babereki ba abela balwetse ba bomme

21 Mar 2023

Bomme ba tshwanetse go ipelelwa le go galaletswa ka ditiro tsa bopelotlhomogi le tse dingwe tse ba di direlang setshaba.

 Modulasetilo wa Rolong Land Board Mme Gloria Segokgo o buile jalo jaaka ba lephata la tsa lefatshe le merero ya metsi ba ne ba abela kokelo ya Athlone kwa Lobatse bosheng.  Are go maleba gore bomme ba lemogiwe, bogolo jang ka letsatsi la bomme go supa fa seabe sa bone se le botlhokwa.

Dimpho tseo di akaretsa melora e e tlhatswang, e e tlhapang, ditlolo, ditlhapa legano, marache a a tlhapang meno, toilet paper le mesangwana ya bomme.

Mme Segokgo a re dimpho tseo di tlaa dirisiwa ke bomme ba ba robaditsweng kwa phaposeng ya bomme  kwa kokelong ya Athlone.  O tsweletse a bolela gore jaaka ele kgwedi ya bomme, babereki ba lephata ba ne ba nna mowa mongwe fela go supa fa le bone ba kgathala ka matshelo a bomme mo setshabeng, e seng fela go aba ditlamelo tsa lefatshe.

Mogolwane kwa kokelong ya Athlone Dr Malebogo Rauwe, o tlhalositse gore lephata la botsogo le itebagantse le go fa setshaba ditlamelo tsa botsogo tsa maemo a ntlha.

O rile dimpho tse ba di abetsweng di tlaa tsisa pharologanyo mo balwetseng bogolo jang bomme jaaka ba lemogiwa ka karolo e ba e tsayang mo setshabeng.

Dr Rauwe o lebogetse ba lephata la tsa lefatshe le merero ya metsi go bo ba tlhophile kokelo eo go e abela melora.

Mookamedi wa kokelo ya Athlone Mme Seanokeng Thagame o ne a leboga go menagane lephata leo ka dimpho tseo, a re di tlaa tlisa monyenyo mo go ba ba di abelwang ka jaana balwetsi ba ba robaditsweng e se botlhe ba ba kgonang.

 O boletse gore badiri ba lephata la tsa lefatshe le merero ya metsi i ba dirile tiro ya botlhokwa, a tlatsa ka gore, go sego letsogo le le abang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Mar 2023