Setshaba se rotloediwa go thusana

16 Mar 2023

Mme Ontlametse Sekaba, wa Mahalapye, yo o ikemiseditseng go dira ditiro tsa bopelotlhomogi a re setshaba se tshwanetse go golagana, go thusana go lwantsha dikgwetlho.

Mme Sekaba o buile se kwa Mahalapye ka Laboraro fa a abela mokgatlho wa Diponeng Disability Association wa ba-na-le-bogole, dikolotsana di le thataro le dijo, tse a di kgobokantseng ka thuso ya lebentlele la Spar.

A re o tswa kgakala a kgathalela matshelo a ba bangwe ebile o setse a kile a thusa ba ba tlhokileng lesego kwa Ramotswa, Mogoditshane, Otse le metse e mengwe. O tlhalositse fa dikolotsana tse, a sa le a di kopa dingwaga tse nne tse di fitileng mme ebile, lebentlele la Spar, le mo solofeditse dithobane tsa batlhoka-pono, go di abela ba ba di tlhokang.

Mme Sebaka a re keletso ke gore ba-na-le-bogole botlhe mo Mahalapye ba bone thuso e ba e tlhokang.

Mokwaledi wa ofisi ya ga mopalamente wa Mahalapye West, Mme Tendah Dinotshe a re go aba ga se go ntsha madi fela, a kaya fa go fa yo mongwe lorato le go ne e le  mpho e tona.

A re go molemo go bona bana ba motse ba kgatlhegela go tlhabolola motse wa bone.

Mme Dinotshe a re Mahalapye ga a na ditsompelo tse di ka rarabololang dikgwetlho jaaka mafelo a bagodi, mafelo a ba-na-le-bogole ba ka isiwang teng go thusiwa le a mangwe mme a rotloetsa banni go tsenya letsogo go thusa. A re yo o sa kgoneng go thusa, o ka kopa thuso kwa a ka e bonang teng.

Mogolwane go tswa kwa Spar, Mme Thembile Dintwe a re go a tshwanela gore ba nne ba thusa fa ba kgonang teng.

A re ba leka ka bojotlhe go thusa le fa go se bonolo ka le bone ba kopa.

O rotloeditse setshaba go thusana gore ba kgone botshelo.

Motlhami wa mokgatlho wa Diponeng Disability Association, Mme Onkemetse Nakedi a re ba ba neng ba abelwa ba ne ba tlhophilwe ka thuso ya ba boipelego go lebeletswe letlhoko la bone ka go farologana.

O kaile fa dithuso tsa puso di le teng mme di le bonya a re go botlhokwa gore ba ba kgonang ba thuse. 

A re ba leka ka bojotlhe e le mokgatlho go ntsha ba-na-le-bogole ba ba fitlhilweng gore ba kgone go bona dithuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : Mahalapye

Event : Kgotla meeting

Date : 16 Mar 2023