Breaking News

Mopalamente o abela mo-na-le bogole kolotsana

26 Feb 2023

Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o supeditse Mme Kelebeletse Bosena wa kgotla ya Rasesoma kwa Serowe, lorato le kutlwelobotlhoko ka go mo abela kolotsana ya ba- na- le bogole, ka Labotlhano.

Rre Lesedi a re ka mpho e, mmaagwe Mme Bosena yo e leng ene a mo okang, a kgone go mo isa kokelong le go re molwetsi a kgone itshutisa a sa kope thuso.

Mopalamente o lebogetse go bo batsadi jwa ga Mme Bosena ba nonofile go mo tlhokomela ba sa ipone tsapa.

Mme Bosena o lebogile Rre Lesedi go mo tswa thuso a re go dira jalo go supa a le lorato ebile a tlhotlhelediwa ke mowa o o boitshepo.

Motsadi wa gagwe, Mme Bofeletse Bosena o supile fa botshelo bo tlaa tokafala ka jaanong go tlaabo go sa tlhokege gore a nne a mo kuka.

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Collen Tubego o kopile mopalamente go tswelela ka tiro ya go aba le go thusa fa go na le seemo ka bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Kabo ya mpho

Date : 26 Feb 2023