Breaking News

Nnotagi e ntsha mo sethong

16 Feb 2023

Banwi ba bojalwa ba gakolotswe go ikela tlhoko ka gore tiriso botlhaswa ya nnotagi e kgona go ntsha modirisi wa yone mo sethong.

Mogolwane wa thuto wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Gagoope Andreck a re tiriso ya bojalwa phetelela e na le di-tla morago tse di sa siamang mo botsogong le botshelo jwa monwi wa jone ka kakaretso. 

Rre Andreck o buile jalo kwa modirong wa dijo tsa maitseboa o o neng o diretswe badirisi ba nnotagi ka Labobedi, ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Ntwa Kgatlhanong le Nnotagi ke Boikarabelo jwa Rona Rotlhe.”

O tlhalositse gore batho bangwe fa ba nole ba kgona go tlhoka botho mme e re bo sena go kaologa a fetoge a nne motho yo o bonolo. 

O ne a supa gore tiriso ya bojalwa e e sa laolesegeng, e kgona go tsenya motho lehuma, ka e ka tsala tiriso botlhaswa ya madi, dithoto le go senya ditebego tsa monwi wa jone. 

O kgothaditse ba ba nwang mme ba bereka gore ba seka ba ya tirong ba nole ka jaana ba ka feletsa ba dirile diphoso.

A re tiriso ya ditagi ka go farologana ke kgwetlho e e tshwanetseng ya emelwa ka dinao ke botlhe.

Rre Andreck o tlhalositse gore ditagi tse di seng ka fa molaong di tsena ka bokete mo Botswana, ka jalo mongwe o ka ipotsa ka isago le gore mo dingwageng tse di tlang tse di lesome seemo sa tiriso ya ditagi se tlaa bo se lebega jang.

Mogolwane wa ofisi ya mapodisi kwa Letlhakeng, Insepector Seabo Taolo o supile matshwenyego mabapi le tiriso ya motokwane. 

Inspector Taolo a re nnotagi le tiriso ya ditagi di rotloetsa melato e e tshwanang le ya dititeo.  A re sengwe se se tshwenyang ke gore bana bangwe ga ba tlamelwe ka botlalo ka gore batsadi ba bone ba inaakantse ke nnotagi.

Mogolwane wa lephata la botsogo, Mme Antonaitte Ramatsia a re go botlhokwa go tsibosa setshaba ka tiriso botlhaswa le bodiphatsa jwa nnotagi le ditagi tse dingwe ka go farologana mo matshelong a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Modiro wa dijo

Date : 16 Feb 2023