Go lwela melelwane go dia ditlhabololo
15 Feb 2023
Go lwela melelwane ga metse mokgaolong ya Bokone Botlhaba go bolelwa go tshwenya thata, ka go diya go diragadiwa ga ditlhabololo.
Mo nakong ya gompieno, dikgang tse go tshwerweng phage ka mangana mo go tsone di tlhano.
Di akaretsa metse ya Sekakangwe le Kalakamati, Kalakamati le Botalaote, Masunga le Letsholathebe, Pole le Masukwane le Matshelagabedi le Matsiloje.
Tse pedi mo go tsone, di setse di fetiseditswe kwa mokwaleding wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo magae, morago ga gore maiteko otlhe a go leka go di rarabolola a iteye sefololetse.
Morago ga go tshwenyega ka dikgang tseo, Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Gobe Macha le Kgosi Sibangani Mosojane yo e leng moemedi wa kgaolo kwa ntlong ya Dikgosi, ba ne ba thulanya ditlhogo, mme ba bona go le maleba go phutha magosi a kgaolo go tla go abelana megopolo, e e ka thusang go rarabolola dikgang tseo.
Magosi a kgaolo ya Bokone Botlhaba le one fela jalo, a ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke seemo seo.
Ka jalo, mo bokopanong jwa bone le ba-na-le seabe ba bangwe ba kgaolo, jo bo neng bo tshwaretswe kwa Masunga kgwedi eno e le lesome le bone, magosi a dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore dikgosi tsa metse e nne tsone di kopanelang dikgang tseo di le nosi, ntle le go akaretsa merafe ya bone.
Maikaelelo ke gore morago ga tumalano ya bone, e bo e le gone ba itseseng morafe le ba-na-le seabe ba bangwe jaaka ba lekgotla la kabo ditsha go diragatsa tse di tshwanetseng, go tlhomamisa gore tumalano ya bone e nna ya sennelaruri.
Go tlhalosiwa fa dikgang tsa mofuta oo, fa gongwe di tlhoka tharabololo kwantle ga morafe, o go bolelwang fa go le gantsi o eteletsang dikeletso le go gogela kobo kwa matlhakoreng a one, mme seo se felele se tlama kgosi go reetsa le go sala morago dikeletso tsa morafe wa gagwe.
Banni bangwe mo metseng go bolelwa e le bone ba tukisang melelo mo dikganyeng tseo.
Ka jalo, tsholofelo ke gore fa dikgosi e ka nna tsone di buisanang koo di le nosi, di ka tswa ka tema.
Magosi mangwe a tlhalositse fa ketsaetsego ya melelwane e bakwa ke go bo go sa kwalwa gope ka yone, gape go sena sepe se se ba kaelang ka melelwane eo, mme mogodimo ga moo mabutswapele a mangwe a a neng a ka tlhaloganya botoka, a setse a iketse badimong.
Fa ba supa matshwenyego a bone, molaodi Macha le Kgosi Mosojane ba re dikgang tseo di setse di eme pele go gatela pele ga kgaolo mo ditlhabololong.
Ba ne ba kopa magosi go ya go buisana le go dumalana gore metse ya bone e kgaogane fa kae, ba dira seo ka kagiso, thokgamo le setho se se eletsegang.
Rre Macha a re bosheng jaana, lekgotla la kabo ditsha la Tati le ne la retelelwa ke go abela baikopedi ditsha kwa mafelong mangwe a a amegang mo dikganyeng tseo.
A re seo se amile lekgotla leo thata mo go fitlheleleng seelo se le se beetsweng tebang le peo ya ditsha mo ngwageng wa madi wa 2022/2023.
Kgosi Mosojane a re bangwe banni ba rotloetsa gore kgang e felele e isiwe kwa makgotla tshekelong, a re mme go kgona go diragala gore e re lekgotla le atlhola le bo le sa atlhole ka fa bone ba solofetseng ka teng.
A re ka jalo, go ka nna molemo fa magosi a ka buisana le go welelana gore phelelong go seka ga nna le ope wa bone yo o ka bonang ekete o beilwe ka fa mosing. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : KGOTLA MEETING
Date : 15 Feb 2023